Ga Gona Ntlo Ya Sekgopi!
-
0:08 - 0:14Dumelang betsho.Mohau le Kagiso ka leina
le le maatla la ga Jeso. -
0:14 - 0:20Dumelang mo bontleng jwa Aber Falls mo
bokone jwa Wales. -
0:20 - 0:26Amogelesega mo thulaganyo ya 'Tumelo ke
Tlholego mo God's Heart Tv. -
0:26 - 0:33Tsatsi jeno ke batla go bua ka sengwe
se se jang ko teng -
0:33 - 0:40mo boteng le kwa ntle ga botsalano jwa
rona jwa tsatsi le letsatsi. -
0:40 - 0:49Nka e tshwantshanya le mogare o eleng gore
ga gona ope yo o itekanetseng. -
0:49 - 0:54Se eleng sebetsa se se tshelang
sa ga diabole -
0:54 - 0:59ele serai se se tlwaelesegileng.
-
0:59 - 1:04Ke bua ka tshakgalo.Ee tshakgalo.
-
1:04 - 1:10Go sa kgatlhale gore e raraane kgotsa ele
bonolo. -
1:10 - 1:19dikgonagalo tsa tshakgalo ga di fele jaaka
motseletsele wa botsalano. -
1:19 - 1:28Ka mantswe mangwe ga go kgonagale
go tshela o sa kgopege. -
1:28 - 1:33Ga se potso ya gore o tla kgopiswa ke mang
kana o tla kgopisiwa leng -
1:33 - 1:36kana dikgopiso di tlaa tswa kae.
-
1:36 - 1:45Potso ke gore-o fetlola o reng fa
dikgopiso di tla? -
1:45 - 1:48Batho ba Modimo ipotseng jaana.
-
1:48 - 1:53Fa o kgopegile o fetola o reng?
-
1:53 - 2:00Fa mongwe a go utusa bothoko kgotsa a go
diretse phoso,o fetola o reng? -
2:00 - 2:13Bontsi jwa nako phetlolo ya rona re sala
re tlhaselwa ke modi wa sekgopi. -
2:13 - 2:18Go kotsi.
-
2:18 - 2:23Fa sekgopi se nnale modi mo pelong ya gago
-
2:23 - 2:31fa go sena kelelelo-e tla go isa tlase,e
tla go tsietsa -
2:31 - 2:42tsela ya bogalaka,lefufa,mona,bosula,
tshakgalo le dikgotlhang. -
2:42 - 2:49Go kotsi.Sekgopi ga se a siamela semowa
sa gago. -
2:49 - 2:55Kgang ga se kgogedi ya sekgopi mo
tlholegong -
2:55 - 3:01kana temogo ya go tshwanelwa ke go
kgopega. -
3:01 - 3:09Kgang ke gore go tshwara sekgopi go kotsi.
-
3:09 - 3:17Go sa kgatlhale gore mongwe o go dirile
eng ,go tshwara sekgopi go kotsi -
3:17 - 3:22ke gone re tshwanelwa ke go disa dipelo
tsa rona. -
3:22 - 3:29Batho ba Modimo le tshwanelwa ke go disa
dipelo tsa lona. -
3:29 - 3:36fa re kgopegile,go tlwaelesegile go utlwa
botlhoko re bo re supa bangwe ka menwana. -
3:36 - 3:42Ka gore ditshwanelo tsa rona di gatakilwe,
-
3:42 - 3:53dipelo tsa rona tse di utuleng botlhoko di
bo di tsaya gore ke tshwanelo go kgopega. -
3:53 - 4:06Re bo re sireletsa go tenega le bogalaka
go ipuelela re sa batle go itshwarela. -
4:06 - 4:11Mme fa o ela tlhoko,
-
4:11 - 4:18motheo wa seipato sa teng o se nama
eseng semowa. -
4:18 - 4:23Ke molao wa tlholego eseng wa semowa.
-
4:23 - 4:28Molawana wa rona ke one oo re le
Bakeresete: -
4:28 - 4:34O le nnete kgotsa o se nnete,
-
4:34 - 4:41ga o na tshwanelo ya go tshwara sekgopi.
-
4:41 - 4:45Ke seelo sa rona le molawana wa rona.
-
4:45 - 4:55Ga o tsaya gore o bonnete,o phoso gale.
-
4:55 - 5:03"Mme ga o itse kgang yame!Ga o itse diemo
tsa kgang yame! -
5:03 - 5:10Go sa kgatlhale ngangisano ya go itlhatswa
pelo -
5:10 - 5:17ya go nna semolao ya tshwanelo ya
kgetse ya gago, -
5:17 - 5:21se ga se fetole seelo sa Modimo.
-
5:21 - 5:26Sekgopi ga sena go ipuelela.
-
5:26 - 5:33Sekgopi ga sena go ipuelela.Go felela jalo
-
5:33 - 5:37O ka tswa o le nnete mo matlhong a batho.
-
5:37 - 5:41O ka tsaya gape gore o nnete le mo
matlhong a gago -
5:41 - 5:45mme pele ga Modimo-
-
5:45 - 5:54mong wa tswelelo ya gago,Ene yo tshwereng
dipelo tsotlhe ka matsogo a Gagwe- -
5:54 - 6:02ga o na tshwanelo ya sekgopi
-
6:02 - 6:05ga gona fa ele gore,ga gona mme.
-
6:05 - 6:13O le mokeresete ga o na tshwanelo ya
sekgopi. -
6:13 - 6:17sekgopi se tlaa tla,Ee se tlaa tla.
-
6:17 - 6:23Mme ga re a tshwanela go fepa sekgopi
mo dipelong. -
6:23 - 6:28ga re a tshwanela go fa sekgopi phatla
mo dipelong tsa rona. -
6:28 - 6:32Bona go kgopega ke tlwaelo.
-
6:32 - 6:37Mme go tshwara sekgopi ke boleo.
-
6:37 - 6:43Go tshwara sekgopi go utusa
Mowa wa modimo botlhoko. -
6:43 - 6:48Ke tshwetso ya gago go ipaya fa
godimo ga Modimo, -
6:48 - 6:52go leba mooputso wa gago wa go tenega
-
6:52 - 6:56mooputso wa gago oo ikaegileng ka wena
-
6:56 - 7:03ele taolo ee kwa godimo go feta Lefoko
la Modimo. -
7:03 - 7:16Fa ele gore dia bole wa go tsietsa are ke
tshwanelo ya gago go kgopega, -
7:16 - 7:28o dirira matsogo a gago go boga diketane
tse di go bogang. -
7:28 - 7:36Se se se dirang kotsi thata ke go sa itemoga
gore o mo botshwarong. -
7:36 - 7:41O ka nna wa wela mo motsamaong
-
7:41 - 7:47wa go ikakanyetsa le go ikgaoganya
le go ithoma. -
7:47 - 7:55Ke di tla morago tsa go tshela ka pelo ee
kgopegileng. -
7:55 - 8:04Fa o tswelela ka sekgopi mo pelong,o a bo
o tlhotlha sengwe le sengwe mo go yone. -
8:04 - 8:09Le fa o ne o ka tla wa lebelela bontle jwa
metsi aa ka jeno, -
8:09 - 8:12O ka a leba ka leitho la tshakgalo.
-
8:12 - 8:16O bua ka yone ,o ja ka yone,o tshega ka yone.
-
8:16 - 8:18O rapela le ka yone,
-
8:18 - 8:25Ke ka moo ditlhapelo tsa rona di le
kgatlanong le baba go na le makoa a rona. -
8:25 - 8:31O robala ka yone,ke sone se se bakang
ditoro tse di boisegang. -
8:31 - 8:36O itsalanya le ba bangwe ka yone,
-
8:36 - 8:40ke ka moo bontsi jwa rona re busa bokao
-
8:40 - 8:45jwa ditiro tsa batho le go tlhoka
go dira ga bone. -
8:45 - 8:52Tsatsi jeno go na le dintwa tsa dikakanyo tse
re di lwang mo ditlhaloganyong tsa rona -
8:52 - 8:59tsa dikgang tse di sa tsheleng.
-
8:59 - 9:08Ga re tlhaloganye bokao jwa batho re bo
re atlhola maikaelelo a bone -
9:08 - 9:19ka tomagano ya rona ee lolea le dikakanyo
tsa rona tse di sa siamang. -
9:19 - 9:28Re ntsha mabaka bonolo fela fa re ntse re
atlhola le go kgala ba bangwe. -
9:28 - 9:34Re tshwara ba bangwe mo seelong se eleng
gore le rona ga re kake ra se kgona -
9:34 - 9:41mme go lebelela dilo tse di sa kgonegeng go
baka botsalano jo bo sa siamang -
9:41 - 9:45bo ikaegile bo senameng ,e seng mo Moweng.
-
9:45 - 9:53Mme botsalano joo bo a bo bo lebaganwe ke
ditshwabisego pele ga bo simolola. -
9:53 - 9:59Mme ke ka fa botshelo bo tswelelang bo
tsamaya ka teng- -
9:59 - 10:04go utlwa botlhoko le go kgopisega.
-
10:04 - 10:08Batho ba Modimo se gare se eme!
-
10:08 - 10:13Ga re re boele ko Mokgorong-Mokgorong
wa ga Keresete! -
10:13 - 10:22Gakologelwa mafoko a ga Jeso kwa Mokgorong.
O rile "Rara,ba itshwarele! -
10:22 - 10:27"Ke seelo sa Modimo;ke seelo sa rona rele
Bakeresete. -
10:27 - 10:31"Rara,ba itshwarele!
-
10:31 - 10:36"Se ga se tlogele kgoro epe ya go tenega.
-
10:36 - 10:41Mokgoro wa ga Keresete ga o tlogelo kgoro
epe ya go tenega. -
10:41 - 10:46Ga se nae tshwanelo epe ya go tenega.
-
10:46 - 10:58Re tlhokana le boitshwarelo.
-
10:58 - 11:05jaaka Baebele e bua mo go Jakobe 2:10-11
-
11:05 - 11:13Modimo ke ene yo itseng gore boleo jwa
mongwe bo feta jwa yo mongwe. -
11:13 - 11:16Jaaka ke tsisa molaetsa oo kwa bokhutlong,
-
11:16 - 11:25tla ng ke le gakolole setshwantsho sa
mothanka yo oseng mautlwelo botlhoko -
11:25 - 11:30Morago ga molaetsa oo ke go rotloetsa go
bala setshwantsho se. -
11:30 - 11:34Jaaka o bala ipotse dipotso-
-
11:34 - 11:43ke eng mongwe a ka tshwara
-
11:43 - 11:54mpho ya mogwe ee Modimo a go e fileng?
-
11:54 - 12:06Mo dipelong tsa rona go na le tlhabano magare
ga nama le mowa. -
12:06 - 12:15Mme gakologelwa-nako tsotlhe fa o tshwara
sekgopi mo pelong, -
12:15 - 12:20o ineela mo nameng.
-
12:20 - 12:24Gakologelwa buka ya Baroma 8:6-8,
-
12:25 - 12:32Ba ba tshelang mo senameng ga ba kake ba
itumedisa Modimo. -
12:32 - 12:39Gana diabole go ganana le go tenega!
-
12:39 - 12:48Gana diabole ka jeno go ganana le go kgopega.
Jang? -
12:48 - 12:56Ga o bona se se diwang mo go wena se dirwa
ntate. -
12:56 - 12:59Ga ba nthoga ba roga Rre.
-
12:59 - 13:03Ga ba sa ntsee sentle ga ba tsee Rre sentle
-
13:03 - 13:07Ga ba aka kgatlhanong le nna ba aka
kgatlhanong le Rre. -
13:07 - 13:14ka gore ga ke na maatla a e leng ame.
-
13:14 - 13:18Ga ke na ntlo ya sekgopi mo pelong yame
-
13:18 - 13:26ka gore ke a itse gore ga ke na tshwanelo ya
sekgopi. -
13:26 - 13:33Mo mafokong aga Prophet TB Joshua:
-
13:33 - 13:45"Ga gona sepe se nka se tlhokomologeng ka
lebaka la ga Jeso! -
13:45 - 13:51"Diane 19:11
-
13:51 - 13:56A re rapeleng ga mmogo batho ba Modimo.
-
14:02 - 14:06Simolola o ikgolole
-
14:06 - 14:17o itshwarele ba ba go diretseng phoso ka
tsela epe fela. -
14:17 - 14:23Ka taolong e e mo leineng la ga Jeso
Keresete, -
14:23 - 14:30gololwa mo botshwarong jwa sekgopi gone jaana
-
14:30 - 14:35Gololwa mo go tshwareng botlhoko gone jaana!
-
14:35 - 14:38Gololwa!
-
14:38 - 14:45Gololwa ka leina le le maatla la ga
Jeso Keresete! -
14:45 - 14:52Ke bolela gore maikutlo a gago a gololwe mo
kgopisong gone jaana! -
14:52 - 15:01Gololwa, ka leina le le maatla la ga
Jeso Keresete! -
15:01 - 15:09Dikeetane tsotlhe tsa kgopiso mo moweng wa
gago gololwa gone jaana! -
15:09 - 15:16Dikeetane tsotlhe tsa bogalaka mo moweng
gago gololwa gone jaana! -
15:16 - 15:25Dikeetane tsotlhe tsa tshakgalo mo moweng wa
gago gololwa gone jaana! -
15:25 - 15:29Ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete!
-
15:29 - 15:36Keetane epe e satane a ikgolagantseng le wena
-
15:36 - 15:41mo tshikeng ya gago,kgwebo,lenyalo,madi
-
15:41 - 15:44Kare robega gone jaana!
-
15:44 - 15:55Robega, ka leina le le maatla la
ga Jeso Keresete! -
15:55 - 15:57Amene
-
15:57 - 16:01Ke kgona go bona dikeetane tse di
golotswe gone jaana! -
16:01 - 16:07Ke utlwa dikeetane di wa ka leina la ga Jeso
Keresete! -
16:07 - 16:12Simolola go leboga Modimo ka
kgololesego ya gago, -
16:12 - 16:19ka gore Morwa Modimo ga a go golola
o golotswe ka nnete! -
16:19 - 16:21Ke a leboga, Jeso Keresete
- Title:
- Ga Gona Ntlo Ya Sekgopi!
- Description:
-
more » « less
Aa diabole o tsietsa botsalano jwa gago? Kgaogana le go otisiwa botlhoko le kgopiso o bo o ithuta go gana sekgopi mo molaetseng oo mosola o ka Brother Chris o reng, 'Ga Gona ntlo Ya Sekgopi'.
'Tumelo Ke Tlholego 'ke thulaganyo ya God's Heart Tv ya mafoko aa makhutshwane a tlhotlheletso le thotloetso ya matshelo a rona go tswa mo Lefokong la Modimo Le Le Tshelang mo bontleng jwa popego ya Gagwe, Segofala jaaka le kopana le rona, ka leina la ga Jeso !
- Video Language:
- English
- Team:
God's Heart TV
- Project:
- YES English captions imported
- Duration:
- 16:51
|
Translation_Admin edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | |
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris | ||
| TshepoRamhota edited Tswana subtitles for No Room For RESENTMENT! | Brother Chris |
