< Return to Video

Pholo le kgololesego ka bonako! | THAPELO ka marenyane! | Mafatshe a le 50+�

  • 0:00 - 0:00
    Ka re gololwa mo bolwetseng.
  • 0:03 - 0:05
    gololwa mo bokgobeng.
  • 0:05 - 0:08
    gololwa mo kgatelelong.
  • 0:08 - 0:15
    Gololwa, gololwa ka leina le le
    maatla la ga Jeso
  • 0:15 - 0:21
    Le amogetswe lotlhe mo tirelong e ngwe ya
    thapelo ya tirisano,
  • 0:21 - 0:28
    fa mo God's Heart TV setudio mo North
    Wales mo United Kingdom
  • 0:28 - 0:35
    mme ka mohau o gakgamatsang wa Modimo
    tsatsijeno e ke tirelo ya ditshaba tshotlhe.
  • 0:35 - 0:38
    Re na le batho ba ba tseneletse go tswa
    mo letatsheng ka bophara
  • 0:38 - 0:44
    ba ba emetseng dikontinente tsotlhe go
    tswa mo mafatsheng a le masome bathano le bosupa,
  • 0:44 - 0:46
    le bo kgakala jaaka Ukraine,
  • 0:46 - 0:52
    lefatshe le le mo dikakanyong le
    dithapelo tsa rona motsotso oo.
  • 0:52 - 0:58
    Ke batla go leboga dipelo tsotlhe tse
    di dumelang mo go Jeso,
  • 0:58 - 1:03
    tse di dumelang gore le ntswa go na le
    sekgele se se tona
  • 1:03 - 1:06
    go tswa fa ke teng le ko o teng,
  • 1:06 - 1:11
    o dumela gore Jeso Keresete o ta go ama
    ka tsela e e kgethegileng
  • 1:11 - 1:16
    ka gore ka boammaruri go neela Modimo
    tlotlo go dumela mo go Ene.
  • 1:16 - 1:21
    le ntswa tlhaloganyo ngwe le ngwe e Mo
    ganetsa
  • 1:21 - 1:26
    mme Modimo o tlotla ba ba Mo tlotlang
  • 1:26 - 1:32
    Ee, re tsile mo Modimong gompieno re
    dumela
  • 1:32 - 1:35
    gore ke thato ya Gagwe gore golola,
  • 1:35 - 1:43
    go re buseletsa, gore tsosolosa,
    gore golola mo dipogisong tsotlhe.
  • 1:43 - 1:51
    A thato ya Gagwe e diragale gonne thato
    ya Gagwe ke taelo ya rona
  • 1:51 - 1:56
    Jaanong re tsile go rapela rotlhe
    ka leina la ga Jeso Keresete.
  • 1:56 - 2:04
    pele ga thapelo go bothokwa ke fepa
    mewa ya rona ka lefoko la Modimo
  • 2:04 - 2:10
    Jaaka baebele e bua mo bukeng
    ya 1 Petero 1:23
  • 2:10 - 2:12
    ka gore Lefoko la Modimo le
    tshwana le peo,
  • 2:12 - 2:19
    peo e e sa boleng e e tang mo
    dipelong tsa rona
  • 2:19 - 2:22
    mme e godise tumelo ya rona.
  • 2:22 - 2:27
    jaanong , tshwaela se, ka re e ta mo
    pelong ya gago
  • 2:27 - 2:31
    pelo ya gago ke ntlha ya Modimo
    ya kgolagano
  • 2:31 - 2:37
    ke ka jalo tumelo e se ka go etsa
    tiragalo ya yo mongwe
  • 2:37 - 2:38
    kana go kopolola yo mongwe
  • 2:38 - 2:46
    tumelo e tshwanetswe go e nanoge mo pelong ya
    gago, e tshwanetse e tswe mo pelong ya gago
  • 2:46 - 2:48
    e ikaegile ka Lefoko la Modimo.
  • 2:48 - 2:53
    jaanong potso ya gago gompieno ke e,
  • 2:53 - 2:57
    seemo sa pelo ya gago ke eng?
  • 2:57 - 3:00
    ipotse potso gone jaana.
  • 3:00 - 3:04
    Seemo sa pelo ya gago ke eng?
  • 3:04 - 3:09
    Ka gore ke lemogile gore gompieno batho
    ba le bantsi ba batla Modimo,
  • 3:09 - 3:12
    batla sefatlhogo sa Modimo go ikhutsa
    mo mathateng a bone,
  • 3:12 - 3:15
    mo dikgarathong le ditro tsa bone,
  • 3:15 - 3:21
    mme dipelo tsa bone ga di na boikhutso,
    dipelo tsa bone di tshwenyegile
  • 3:21 - 3:25
    dipelo tsa bone di fuduegile
  • 3:25 - 3:34
    Jeso o re re ile a re mo bukeng ya
    Johane 14:1,27
  • 3:34 - 3:39
    A pelo tsa lona di se fuduege.
  • 3:39 - 3:42
    Mme ga go reele gore ga gona go nna
    le mathata.
  • 3:42 - 3:45
    Ga a ise a re ga o na go lebagana
    le mathata
  • 3:45 - 3:53
    mme a pelo ya gago e se fuduege, go
    raya gore jaaka mokeresete
  • 3:53 - 3:57
    ee go na le mabaka a go tshwenyega
  • 3:57 - 4:03
    mme go na le mabaka a magolo a gore
    o seka wa tshwenyega
  • 4:03 - 4:06
    le fa go sena boikhutso gongwe le gongwe,
  • 4:06 - 4:12
    lebelela seemo sa lefatshe ka bophara
    gompieno, ga gona boikhutso.
  • 4:12 - 4:18
    Mme jaaka mokeresete, a pelo ya gago e
    nne le boikhutso
  • 4:18 - 4:22
    ka kitso ya gore, Modimo o na le wena,
  • 4:22 - 4:29
    jaaka Jeseya 41:10 e bua, e e mo lefatsheng
    ka bophara go ya go nna le mathata ee
  • 4:29 - 4:34
    mme jaaka mokeresete a pelo ya gago
    e nne ka kagiso
  • 4:34 - 4:41
    ka kitso ya gore Modimo o na le wena
    (Baroma 8:31)
  • 4:41 - 4:48
    mme le fa difefo tsa botshelo di go
    dikologile di tsubuta ka kgalefo
  • 4:48 - 4:55
    a dipelo tsa lona di iketle ka kitso
    ya tsholofetso eo ya Modimo
  • 4:55 - 5:01
    ya gore ga A ketla a le togela le fa
    ele go le tlogela
  • 5:01 - 5:08
    Jaaka temana e bua mo bukeng ya
    Bahebere 13:5.
  • 5:08 - 5:16
    jaanong batho ba Modimo go thomamisa pelo
    ya gago thoma mogopolo mo go Jeso,
  • 5:16 - 5:20
    e seng seemo sa gago, eseng mathata a
    gago, e seng matsubutsubu a gago,
  • 5:20 - 5:22
    Tlhoma mogopolo mo go Jesu
  • 5:22 - 5:27
    Gakologelwa tsholofetso tsa gago go
    rona mo Bukeng ya Matheo 11:28,
  • 5:27 - 5:30
    Jeso o rile, tlang go Nna
  • 5:30 - 5:37
    Lona lotlhe ba le lapileng ,
    nna ke tla lopolosa
  • 5:37 - 5:40
    Fa Modimo a re solofeditse boikhutso
  • 5:40 - 5:47
    ga gona lebaka la go re dipelo tsa
    rona di tlhoke boikhutso.
  • 5:47 - 5:52
    Re tlhokana fela le gore tota
    re lemoge boammaruri jo
  • 5:52 - 5:55
    re utlwane le lefoko la Modimo.
  • 5:55 - 5:57
    jaanong gone jaana ke
    batla go bolelela se,
  • 5:57 - 6:03
    ke batla o re: ke dumalana
    le lefoko la Modimo
  • 6:03 - 6:09
    Ga ke dumalane le seemo sepe, seemo sepe
  • 6:09 - 6:11
    se se kgathanong le lefoko.
  • 6:11 - 6:14
    raya se ka pelo ya gago yotlhe
  • 6:14 - 6:20
    a boipolelo jwa dipounama tsa gago
    bo dumalane le pelo ya gago,
  • 6:20 - 6:25
    jaanong ka tumalano eo ya pelo, jaanong
  • 6:25 - 6:29
    ke nako ya thapelo.
  • 6:29 - 6:32
    pelo ya gago e tshwanetse e
    tsamaisana le Modimo
  • 6:32 - 6:35
    Pelo ya gago e tshwanetse e le
    mo tumalanong le Modimo
  • 6:35 - 6:39
    Pelo ya gago e tshwanetswe e golotswe,
    e golotswe mo molatomg ,
  • 6:39 - 6:44
    golotswe mo galakeng, golotswe mo
    botlhokong jo bo fetileng.
  • 6:44 - 6:47
    Tse ke dikganedi tse di emang
    fa gare ga gago le Modimo.
  • 6:47 - 6:51
    Gone jaana, togela dilo tsa gago tse
    di fetileng, tlogela dilo tse di fetileng
  • 6:51 - 6:56
    o bo o ipaakanyetsa go amogela
    go tswa mo go Jeso gone jaana
  • 6:56 - 7:03
    Phoso epe e emeng gare ga gago
    le ditsholofetso tsa Modimo
  • 7:03 - 7:08
    itshwarelwe ka leina la ga Jeso Keresete.
  • 7:08 - 7:18
    [tolokololo ya Spanish]
  • 7:18 - 7:22
    Lebota leo fa gare ga pelo ya
    gago le Mowa wa Modimo
  • 7:22 - 7:30
    tlosiwa gone jaana, tlosiwa gone jaana,
    tlosiwa gone jaana
  • 7:30 - 7:37
    [tolokololo ya Spanish]
  • 7:37 - 7:41
    gone jaana ka maatla mo
    leineng la Jeso Keresete
  • 7:41 - 7:45
    gololwa ka leina la ga Jeso
  • 7:45 - 7:51
    [tolokololo ya Spanish]
  • 7:51 - 7:56
    ka re gololwa mo molwetseng joo,
    gololwa bo bokgobeng joo
  • 7:56 - 7:59
    gololwa mo kgatelelong joo
  • 7:59 - 8:02
    Gololwa, gololwa, gololwa
  • 8:02 - 8:05
    ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
  • 8:05 - 8:13
    [tolokololo ya Spanish]
  • 8:13 - 8:20
    Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e
    direlang mo botshelong jwa gago
  • 8:20 - 8:26
    tswa ka leina la ga Jeso Keresete,
  • 8:26 - 8:32
    tswa gone jaana, tswa mo dikarolong tsa gagwe, tswa mo dirweng tsa gagwe, tswa mo dikarolong tsa gagwe.
  • 8:32 - 8:33
    tswa gone jaana .
  • 8:33 - 8:48
    [tolokololo ya Spanish]
  • 8:48 - 8:52
    Simolola go di kgwa, kwga bolwetse joo,
    kwa bothole joo,
  • 8:52 - 8:56
    kgwa bokgoba joo, bo kgwe mo
    dikarolong tsa gago gone jaana
  • 8:56 - 8:58
    wena bolwetse, wena bolwetse,
  • 8:58 - 9:01
    Ka re tsamaya ka leina la ga Jeso
  • 9:01 - 9:06
    tsamaya ka leina la ga Jeso, tsamaya gone jaana
    ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
  • 9:06 - 9:08
    tsamaya gone jaana
  • 9:08 - 9:17
    [tolokololo ya Spanish]
  • 9:17 - 9:20
    gone jaana, jaaka tiro ya tumelo,
  • 9:20 - 9:24
    baya seatla sa gago gope fa
    o nang le botlhoko joo
  • 9:24 - 9:26
    o na le botlhoko jwa nama,
  • 9:26 - 9:30
    baya seatla teng gone jaana,
  • 9:30 - 9:32
    bula pelo ya gago
  • 9:32 - 9:39
    ke go raya ke wena bolwetse,
    wena bolwetse, wena bokoa,
  • 9:39 - 9:44
    tsamaya ka leina la ga Jeso,
    tsamaya gone jaana
  • 9:44 - 9:49
    Tswa mo dikarolong tsa bone, tswa mo dirweng tsa bone,
    tswa mo dikarolong tsa bone
  • 9:49 - 9:53
    tswa gone jaana, tswa gone jaana
  • 9:53 - 9:55
    tswa gone jaana
  • 9:55 - 10:09
    [tolokololo ya Spanish]
  • 10:09 - 10:13
    Batho ba Modimo, nna mo
    mokgweng wa thapelo,
  • 10:13 - 10:18
    O ka bona se Jeso Keresete mo
    gare ga rona gone jaana,
  • 10:18 - 10:23
    le mo sekgeleng se se tona, maatla a
    Modimo a fologa
  • 10:23 - 10:27
    Bulela pelo ya gago tumelo ya gagwe,
    lefoko la gagwe, Mowa wa gagwe
  • 10:27 - 10:31
    O bona mewa e e bosula e e
    ponafatsa gone jaana,
  • 10:31 - 10:33
    se se bakang botlhoko, le bolwetse tswa.
  • 10:33 - 10:35
    E ke nako ya gago,
  • 10:35 - 10:37
    E ke nako ya gago gone jaana
  • 10:37 - 10:41
    Ke raya mowa wa gago ke re,
  • 10:41 - 10:44
    golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete.
  • 10:44 - 10:49
    golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete
    ka leina la ga Jeso
  • 10:49 - 10:58
    [tolokololo ya Spanish]
  • 10:58 - 11:03
    Mo kope mohau wa go obamela
    Lefoko la gagwe
  • 11:03 - 11:06
    go dira Lefoko la gagwe seelo
    sa botshelo jwa gago
  • 11:06 - 11:10
    go sala morago tsela e e phepa.
  • 11:10 - 11:12
    Bula dipounama tsa gago
    o mo kope gone jaana.
  • 11:12 - 11:25
    [tolokololo ya Spanish]
  • 11:25 - 11:32
    Ka leina la Jeso keresete re a rapela.
  • 11:32 - 11:40
    Ka maatla a leina la ga Jeso
  • 11:40 - 11:44
    ke bolela gore le golotswe ka
    leina la ga Jeso.
  • 11:44 - 11:47
    Jaanong simolola go ithathoba,
  • 11:47 - 11:51
    O fodile, o boseleditse, o golotswe.
  • 11:51 - 11:54
    O golotswe, ithathobe gone jaana.
  • 11:54 - 11:57
    O golotswe, O golotswe, O golotswe.
  • 11:57 - 12:11
    [tolokololo ya Spanish]
  • 12:11 - 12:16
    Jaanong gone jaana, babogedi
    lefatshe ka bophara
  • 12:16 - 12:20
    le bone maatla a gakgamatsang a
    Modimo a direla.
  • 12:20 - 12:25
    Maatla a Modimo a dira dikakgamatso
    mo matshelong a batho ba gagwe.
  • 12:25 - 12:31
    Le bone boikanyego, bonnete, go
    ikanyega ga Modimo.
  • 12:31 - 12:35
    Jaanong ke nako ya gago
  • 12:35 - 12:39
    Fa nne Mosadi wa seemo sa madi
  • 12:39 - 12:42
    a ntsha letsogo go tshwara Jeso,
  • 12:42 - 12:47
    e ne ele tumelo ya gagwe e e mo
    fodisitseng.
  • 12:47 - 12:53
    Ke rapelo tumelo ya gago e ta go
    fodisa tsatsijeno.
  • 12:53 - 12:57
    Ke a rapela tumelo ya gago e ta go
    golola tsatsijeno
  • 12:57 - 13:06
    Ke a rapela tumelo ya gago e ta go
    boloka ka leina le le maatla la Jeso keresete
  • 13:06 - 13:13
    Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e
    direlang mo botshelong jwa gago
  • 13:13 - 13:17
    go tswa ka leina la ga Jeso Keresete
  • 13:17 - 13:19
    go tswa ka leina la ga Jeso Keresete
  • 13:19 - 13:24
    Mewa yotlhe e e direlang mo tlhogong
    ya gago tswa gone jaana .
  • 13:24 - 13:28
    Mewa yotlhe e e direlang mo lelemeng
    la gago tswa gone jaana .
  • 13:28 - 13:33
    Mewa yotlhe e e direlang mo
    matlhong a gago tswa gone jaana .
  • 13:33 - 13:38
    Mewa yotlhe e e direlang mo ditsebeng
    tsa gago tswa gone jaana .
  • 13:38 - 13:47
    kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle
    ka leina la ga Jeso.
  • 13:47 - 13:52
    Mo lephateng le fe la botshelo jwa gago,
  • 13:52 - 13:56
    mewa e bosula e direlang,
  • 13:56 - 14:00
    e ka nna bo kgwebong, ko tirong ya gago,
  • 14:00 - 14:06
    e ka nna mo mading a gago, mo lenyalong
    la gago, mo lapeng la gago
  • 14:06 - 14:11
    kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle
    ka leina la ga Jeso.
  • 14:11 - 14:19
    A go nne le kgololesego, A go nne
    le kgololesego, gone jaana
  • 14:19 - 14:26
    Moren Jeso Keresete, Lefoko la gago
    le bolela kgololesego.
  • 14:26 - 14:29
    Lefoko la gago le bolela kgololesego.
  • 14:29 - 14:34
    Gone jaana, Ke bolela kgololesego
    gone jaana.
  • 14:34 - 14:38
    Kgololesego mo moweng wa gago,
    Kgololesego mo moweng wa gago,
  • 14:38 - 14:42
    Kgololesego mo mmeleng wa gago,
    ka leina la ga Jeso.
  • 14:42 - 14:47
    Ke bolela Kgololesego gone jaana ,
    Kgololesego mo moweng wa gago,
  • 14:47 - 14:51
    Kgololesego mo moweng wa gago,
    Kgololesego mo mmeleng wa gago,
  • 14:51 - 14:57
    La leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
  • 14:57 - 15:00
    Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago
  • 15:00 - 15:03
    Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago
  • 15:03 - 15:07
    Ke aleboga Jeso ka kamo ya
    gago ya semodimo
  • 15:07 - 15:14
    Batho ba Modimo, simololang go ipela ka
    botlalo mo kgololong ya gagwe
  • 15:14 - 15:19
    le bo le tsamaya mo leseding l
    a kgololesego ya gago
  • 15:19 - 15:24
    Itumeleng, gonne se Jeso Keresete
    a se buang ke sa gago
  • 15:24 - 15:27
    ka nnete ke ya gago.
  • 15:27 - 15:30
    MAPAKI
  • 15:30 - 15:31
    Hello, leina la me ke
    Victor Makene
  • 15:31 - 15:33
    Ke moithuti wa mmadikolo wa ngwaga
    tse masome mabedi (20).
  • 15:33 - 15:35
    Ke nna mo United Kingdom.
  • 15:35 - 15:38
    Ka kgwedi ya Phalane ka 2021,
  • 15:38 - 15:42
    Ke ne ke ikatisa jaaka motshameki wa
    bolotlola wa sekolo same
  • 15:42 - 15:46
    mme ga diragala gore ke gagole mosifa wa
    ko pele wa lengole (anterior cruciate ligament)
  • 15:46 - 15:48
    o thubegile gotlhelele.
  • 15:48 - 15:49
    Bosigo joo ke ne ka
    neelwa dithobane tse,
  • 15:49 - 15:53
    Nne ke dirisa dithobane
    tse dibeke di le mmalwa
  • 15:53 - 15:59
    ntleng le tsone nne ke sa kgone
    go tsamaya.
  • 15:59 - 16:05
    dingaka di ne tsa mpolelela gore tsela
    fela e nka kgonang go tsenelela
  • 16:05 - 16:09
    go itshidila mmele le go taboga gape ke fa
    ke direle loaro (ACL reconstruction surgery)
  • 16:09 - 16:15
    e le loaro le le masisi, le le tsayang
    lebaka le le leele go fola
  • 16:15 - 16:17
    Mme ke a dumela jaaka
    mokeresete yo o tsetsweng sesa,
  • 16:17 - 16:20
    gore se se ntshiametseng
    ke go bata Modimo pele.
  • 16:20 - 16:25
    Mme ka tsaya tshwetso ya go go leletsa
    God's Heart TV ka ba bolelela seemo same
  • 16:25 - 16:28
    Pele ga thapelo e ya tirisano
    ya tsatsijeno
  • 16:28 - 16:32
    Ke ne ke utwa go sa thomama mo
    go tseneletseng mo lengoleng lame.
  • 16:32 - 16:35
    Ke ne ke sa tsamaele gope
    ke sena setshegetsa lengole.
  • 16:35 - 16:37
    Ka nako ya tirelo ya thapelo,
    ke ne ke tswetse matlho ame,
  • 16:37 - 16:39
    Ke ne ke rapela le Mokaulengwe Chris.
  • 16:39 - 16:43
    Ke ne letelela Modimo go tsaya
    bo nna a mpha bo ene
  • 16:43 - 16:47
    Ke ne ke rapela, Ke ne ke beile
    seatla same mo lengoleng lame.
  • 16:47 - 16:49
    Ke bone Mokaulengwe Chris a tshwara
    setshwantsho sa motshikinyego
  • 16:49 - 16:51
    Ga ke autwa sepe se diragala,
  • 16:51 - 16:54
    mme morago ga tirelo ya thapelo,
    fa are o gololesegile,
  • 16:54 - 16:56
    Ke ntshitse setshegetsa lengole lame,
    ka utwa lengole lame
  • 16:56 - 17:00
    Ka tsaya tshwetso ya go ya ko phasejeng
    mme ka simolola go tabogataboga,
  • 17:00 - 17:01
    ka simolola go tlolatlola.
  • 17:01 - 17:04
    Ga ke utwe botlhoko, kana go sa thomama
    tse ke neng ke di utwa pele
  • 17:04 - 17:07
    Mme go tswa foo ka itse
    gore ke gololesegile.
  • 17:07 - 17:10
    Ke ne ke gona go tlola.
  • 17:10 - 17:11
    Ke ne ke kgona go taboga
  • 17:11 - 17:15
    Ke a leboga Jesu.
  • 17:15 - 17:17
    Ditshegofatso ka leina la ga Jeso
  • 17:17 - 17:22
    Leina lame ke Viviena go
    tswa kwa Honduras.
  • 17:22 - 17:28
    Ke batla go le bolelela gore pele ga
    Moporofeti Chris a simolola go rapela
  • 17:28 - 17:37
    Ke ne ka simolola go utwa kgololo,
    kagiso ya gapa pelo yame yotlhe
  • 17:37 - 17:40
    Ka simolola go utwa bo lenteng jwa Modimo.
  • 17:40 - 17:47
    Ka nako ya go direla ka kgwa sengwe
    se se botlhoko ka molomo,
  • 17:47 - 17:53
    Mme ke golesegile ka leina la ga Jeso, Ke
    utwa kagiso e e feletseng mo pelong yame
  • 17:53 - 17:54
    Ke baka Keso.
  • 17:54 - 17:56
    Ke a leboga Jeso
  • 17:56 - 17:58
    Ke a go rata Jeso
  • 17:58 - 18:02
    Hello, leina la me ke Samantha,
    ke tswa ko Trinidad le Tobago
  • 18:02 - 18:05
    Pele, ke batla go leboga Modimo ka mohau
    wa go kopana le Mokaulengwe Chris
  • 18:05 - 18:08
    mo tirelong ya thapelo ya tirisano.
  • 18:08 - 18:11
    Ka nako ya thapelo ya tirisano, ko
    bofelelong Mokaulengwe Chris o ne a are
  • 18:11 - 18:14
    sepe se se kgathanong le Modimo tsamaya.
  • 18:14 - 18:17
    Mowa o o neng o le mo go nna wa
    simolola go iponafatsa mme wa re
  • 18:17 - 18:19
    Nnyaya, ga o tsamaye.
  • 18:19 - 18:23
    Mme ka simolola go roroma
    mo go sa laolesegeng
  • 18:23 - 18:27
    Mme fa tswelela a rapela
    mme wa felela o tsamaile
  • 18:27 - 18:33
    Ka simolola go ikutlwa ke le motlhofo
    mme ka kgwa selo se se botlhole
  • 18:33 - 18:35
    Ke batka go lebogela Modimo seo.
  • 18:35 - 18:41
    Hi, leina lame ke Mirriam Mkwena,
    Ke tswa ko South Africa.
  • 18:41 - 18:48
    Ke ne kena le bothata jwa lengole,
    mangole otlhe
  • 18:48 - 18:52
    Bosigo ke ne ke sa robale sentle
    ka lebaka la botlhoko.
  • 18:52 - 18:57
    Botlhoko jo bone bo tsamaya go
    tswa mo nokeng bo ya ko tlase
  • 18:57 - 18:59
    go ne go boitshega.
  • 18:59 - 19:04
    Fa ntse a rapela ka utwa motlakase
    o taboga mmele wame otlhe.
  • 19:04 - 19:10
    O ne o le gongwe le gongwe, le mo
    mangoleng; tota; e ne tshoko ya motlakase
  • 19:10 - 19:14
    Morago ka utwa bogatso,
    jaaka e kete ke ta wa.
  • 19:14 - 19:19
    Ka bonako ka utwa mo mafatlheng
    a me go re ke gothole.
  • 19:19 - 19:22
    Mme ka simolola go gothola.
  • 19:22 - 19:26
    Ka gothola mathe, lefulo e kete mathe.
  • 19:26 - 19:31
    Mme morago ga moo ka oba mangole a me,
    mme ka utwa gore ke fodile.
  • 19:31 - 19:34
    Ka ntsha setshegetsa mangole same,
  • 19:34 - 19:37
    Jaaka o bona ke se tshwere
    mo diatleng tsame,
  • 19:37 - 19:41
    mme ka simolola go tlola, ke baka Modimo
  • 19:41 - 19:42
    le go leboga Modimo ka pholo.
  • 19:42 - 19:46
    Mme gompieno ga go sa thole.
  • 19:46 - 19:49
    Ke latha mo gotlhe, ga kake ka se dirisa.
  • 19:49 - 19:54
    Jaaka le bona ke kgona go tsamaya
  • 19:54 - 19:57
    Jaanong ke kgona go tlola.
  • 19:57 - 20:03
    Ke kgona go ikatisa, le go inama.
  • 20:03 - 20:05
    Ke fodile.
  • 20:05 - 20:06
    Ke a leboga Jeso.
  • 20:06 - 20:11
    Leina la me ke Maricela ke tswa ko Peru.
  • 20:11 - 20:16
    Ka tirelo ya thapelo ya tirisano
  • 20:16 - 20:19
    Ke amogetse kgololo le pholo yame.
  • 20:19 - 20:23
    Ke amogetse pholo ya setshwafu le
    seso sa mo mpeng
  • 20:23 - 20:28
    Mo ke dilo tse di bothole
    tse ke di kgweleng
  • 20:28 - 20:32
    Ke utule molelo le tlotso ya Modimo.
  • 20:32 - 20:36
    Ke fodile gape ke golotswe,
    kgalaletso ko Modimong , Amene!
  • 20:36 - 20:38
    Hello, leina la me ke
    Antonina, ke tswa ko Ukraine
  • 20:38 - 20:41
    Ke Leboga Modimo
  • 20:45 - 20:53
    Ka monyetla o , go bo
    Mokaulengwe Chris a nthapeletse.
  • 20:53 - 20:59
    Mo thapelo e ke ne ka gololwa
  • 20:59 - 21:06
    gape dilo tse di bothole di ne
    di tswa mo go nna.
  • 21:06 - 21:13
    Marago ga se ka ikutwa ke phuthologile,
    gape ke itumetse, ke itumetse
  • 21:13 - 21:17
    Ke leboga Modimo thata.
  • 21:17 - 21:21
    Hello, leina la me ke
    Lylyana, ke tswa ko Ukraine.
  • 21:21 - 21:24
    Re a leboga ka dithapelo tsa gago
    go tswa ko bathong ba Ukraine.
  • 21:24 - 21:28
    Re leboga thata ka dithapelo tsa gago.
  • 21:28 - 21:31
    Ka nako ya thapelo e ke ne ke kgwa
  • 21:31 - 21:34
    Sengwe se se sweu se ne se tswa mo go nna.
  • 21:34 - 21:43
    Fa Moporofeti Chris a re rapelela, ka
    utwa lethabo le boitumelo
  • 21:43 - 21:46
    Ke a leboga thata,
    ke lebogela tshotlhe thata
  • 21:46 - 21:47
    Re itumetse
  • 21:47 - 21:53
    Moso o montle, Immanuel
  • 21:53 - 21:57
    Hello, leina la me ke
    Jeanyl, Ke tswa ko Afrika Borwa
  • 21:57 - 22:01
    Ke bata go leboga Modimo ka se ase
    ntiretseng mo botshelong jwa me
  • 22:01 - 22:04
    Morago ga go tsenelela tirelo ya
    thapelo ya tirisano ka Matlhatso,
  • 22:04 - 22:08
    jaaka Mokaulengwe Chris a re
    rapelela le go bolela,
  • 22:08 - 22:11
    Ka kgwa dilo tsotlhe tse di bothole
    tse nne dile mo mmele wame .
  • 22:11 - 22:14
    Nne ke na le thogo e e opang thata,
  • 22:14 - 22:15
    E ne e le botlhoko thata,
  • 22:15 - 22:17
    Le marapo a me a ne a opa
  • 22:17 - 22:19
    Morago ga go kgwa sengwe le sengwe,
  • 22:19 - 22:23
    ntshepha, ga ke utwe sepe.
  • 22:23 - 22:26
    Botlhoko jotlhe bo tsamaile gape
    botshelo jwa me bo boseleditswe
  • 22:26 - 22:31
    Fa Modimo a ka ntirela ,
    o ka direla mongwe le mongwe
  • 22:31 - 22:35
    Fela se re tshwanetseng ke go se dira ke
    go nna le tumelo le go dumela
  • 22:35 - 22:36
    Moso o Montle.
  • 22:36 - 22:40
    Hello, leina lame ke
    Jane nna ke nna ko Fora.
  • 22:40 - 22:44
    Bopaki jwa me bo ntse jaana,
  • 22:44 - 22:47
    Ke ne ke na le mathata le
    marinini le meno a me.
  • 22:47 - 22:52
    Nne ke sa je dijo sentle.
  • 22:52 - 22:57
    Le go ja kuku e e sukiri nne
    go nna botlhoko thata
  • 22:57 - 22:59
    meno le marinini a me nne di le botlhoko.
  • 22:59 - 23:01
    Jaanong ke siame.
  • 23:01 - 23:04
    Fa Mokaulengwe Chris a ta go re rapelela,
  • 23:04 - 23:13
    Ka utwa ke le mothofo, molelo
    mo tlhogong, matlho le sefatlhogo same
  • 23:13 - 23:14
    mme ka simolola go kgwa.
  • 23:14 - 23:21
    Le ka bona se ke se kgweleng
  • 23:21 - 23:25
    Ke a leboga Jeso ka kgololo yame.
  • 23:25 - 23:27
    Ke Grace go tswa Philippines.
  • 23:27 - 23:31
    mme jaana ke ko Qatar.
  • 23:31 - 23:35
    go ikaegile ka maitemogelo a me le
    God' s Heat TV,
  • 23:35 - 23:44
    Ke ne ka utwa molelo o montsi mo
    mmeleng wame, ke ne ke kgwa
  • 23:44 - 23:48
    Ga ke kgone go tlhalosa se se
    diragetseng mo mmeleng wame
  • 23:48 - 23:51
    mme ka simolola go kgwa
  • 23:51 - 23:56
    Ga ke itse se ileng sa ntiragalela.
  • 23:56 - 23:58
    Ke a leboga Jeso.
  • 23:58 - 24:04
    Ke itse gore o nkgolotse ka leina
    la Jeso Keresete
  • 24:04 - 24:09
    Halleyah, Ke a leboga Jeso.
  • 24:09 - 24:11
    Leina lame ke Gert,
  • 24:11 - 24:14
    ke tswa Aferika Borwa.
  • 24:14 - 24:28
    ka nako ya tirelo ya thapelo ke kgwele, I vomites dilo tsotlhe
    tse di bothole tse dineng dile mo mmeleng wame.
  • 24:28 - 24:33
    Ke gona gore ga go sa thole go
    na le dithabi tsa mafatha.
  • 24:33 - 24:38
    Lengole lame le 100%.
  • 24:38 - 24:41
    Ga go na dithabi.
  • 24:41 - 24:50
    Ke ikutwa 100%, ke utswa ke gololesegile,
    Ke golotswe, ke moswa.
  • 24:50 - 24:52
    Kgalatso Go Modimo.
  • 24:52 - 24:56
    Hello, leina la me ke
    Haydee, go tswa Costa Rica
  • 24:56 - 25:00
    Ke a leboga Jeso ka letstsi le
    le gakgamatsang le!
  • 25:00 - 25:05
    Ka Mokaulengwe Chris ,
    ke amogetse pholo yame
  • 25:05 - 25:11
    ya sethabi se segolo sa seatla sa moja
  • 25:11 - 25:16
    Gompieno Modimo o mphodisitse a bo
    a mphithelella ka mautlwelobothoko a gagwe
  • 25:16 - 25:19
    Leina lame ke Amos go tswa Zambia
  • 25:19 - 25:24
    Ke bata go paka ka bomolemo jwa Morena
    mo botshelong jwame,
  • 25:24 - 25:31
    ka se Modimo a se dirileng
    mo botshelong jwame.
  • 25:31 - 25:35
    Fa monna wa Modimo a re rapelela,
  • 25:35 - 25:39
    ka utwa bolengteng ka maatla mo go nna.
  • 25:39 - 25:42
    Fa a re rapelela,
  • 25:42 - 25:47
    ka bonako ka iphithela ke kgwa dilo.
  • 25:47 - 25:50
    Morago ga go kgwa dilo jaanong
    ke utwa ke le mothofo
  • 25:50 - 25:53
    Ke utwa ke siame mo pelong yame
  • 25:53 - 25:55
    Ke na le kagiso mo tlhaloganyo yame.
  • 25:55 - 25:57
    Hi, leina la me ke Dina
  • 25:57 - 26:00
    Ke tseneletse tirelo ya thapelo ya
    tirisanya ya go tswa Canada
  • 26:00 - 26:07
    Ke batla go leboga Mokaulengwe Chris yo o
    eteletseng Modimo go mo dirisa
  • 26:07 - 26:10
    go fithelela batho ba le mantsi go
    dikologa lefatshe ka bophara
  • 26:10 - 26:15
    Ke leboga thata go bo ke neetswe
    monyetla wa go nna mongwe
  • 26:15 - 26:18
    wa ba ba tseneletseng tirelo ya
    thapelo ya gompieno.
  • 26:18 - 26:21
    Ka thapelo,
  • 26:21 - 26:24
    Fela fa Mokaulengwe
    Chris a simolola go rapela,
  • 26:24 - 26:27
    Ka utwa sengwe se togela mmele wame.
  • 26:27 - 26:30
    Ka utwa ke le mothogo.
  • 26:30 - 26:32
    Ka utwa kagiso mo go nna.
  • 26:32 - 26:37
    Ke itse gore kagiso e e tswa
    fela ko Modimong.
  • 26:37 - 26:39
    ke ikutlwa ke lapologetswe,
    ke utlwa ke itumetse
  • 26:39 - 26:43
    Ke ikutlwa jaaka e kete rotswe morwalo.
  • 26:43 - 26:46
    Ke bata go lebogela Modimo kgololo ya me,
  • 26:46 - 26:47
    Ke a leboga Jeso.
  • 26:47 - 26:49
    Leina lame ke Jayson le mosadi wame Lorna.
  • 26:49 - 26:51
    Re tswa ko Phillipines
  • 26:51 - 26:55
    Mathata a rona pele ga thapelo ke
    gore ke ne ke na le borurugo joo fa,
  • 26:55 - 26:58
    inguinal hernia, piles
  • 26:58 - 26:59
    le mmele o o bokeke thata.
  • 26:59 - 27:02
    Dinoka tsame le tsone dile botlhoko.
  • 27:02 - 27:07
    Mosadi wame le ene o ne a tshwenngwa ke
    botlhoko mo dinokeng, mangole a botlhoko le
  • 27:07 - 27:12
    le dikakanyo tsa tenego
    tsatsi le letsatsi.
  • 27:12 - 27:19
    Ka nako ya thapelo re ne re le maswabi
    thata ka maleo a rona
  • 27:19 - 27:22
    Ka kopa maitshwarelo mo go Jeso Keresete.
  • 27:22 - 27:28
    Ka utwa e kete phefo e amile tlhogo yame,
  • 27:28 - 27:31
    Ka utlwa go re ke kgwe.
  • 27:31 - 27:34
    Jaanong moarago ga thapelo, e tsamaile
  • 27:34 - 27:35
    Ga go sa thola gona
    le botlhoko
  • 27:35 - 27:37
    Borurugo ga bo sa thola bo gola
  • 27:37 - 27:42
    le mosadi wame ga a na botlhoko mo
    mangoleng le mo dinokeng
  • 27:42 - 27:45
    Ke a leboga Jeso go bo o re
    fodisitse, re a dumela
  • 27:45 - 27:47
    Ke a leboga Jeso. Amene
  • 27:47 - 27:54
    Maina a rona ke Eric and Sarah
    go tswa ko Sweden
  • 27:54 - 27:56
    Re leboga Modimo ka tirelo ya
    gompieno ya thapelo
  • 27:56 - 28:05
    E ne e tletse Mowa le Jeso
    ka nnete one a le teng
  • 28:05 - 28:10
    Ka ikutlw ke itumetse gape ke imolotswe mo
    pelong e e bokete morago ga thapelo
  • 28:10 - 28:12
    Ke bata go leboga le go baka Modimo ka
  • 28:12 - 28:16
    ka monyetla o o gakgamatsang wa
    go tsaya karolo.
  • 28:16 - 28:22
    Go tswa mo go nna ke utlwa jaaka e kete
    go na le lesedi mo pelong yame.
  • 28:22 - 28:27
    Gape ke utule sengwe se tsamaya
    mo matsogong a me,
  • 28:27 - 28:31
    ka thapelo e lemorag Mokaulengwe
    wa rona Chris.
  • 28:31 - 28:36
    Morago ga thapelo ka utlwa ke le mothofo,
  • 28:36 - 28:41
    lefifi le ne le tsamaile mo pelong yame,
  • 28:41 - 28:47
    e ke sa e utlwang pele
  • 28:47 - 28:51
    le boitumelo jo bo pharologanyo
  • 28:51 - 28:55
    mo mmeleng wame, mo pelong yame,
    tlhaloganyo yame
  • 28:55 - 28:58
    Jaanong ra re Re a leboga Jeso.
  • 28:58 - 29:01
    Leina lame ke Evelyn go tswa Argentina.
  • 29:01 - 29:04
    ka tirelo ya thapelo ya tirisano,
  • 29:04 - 29:09
    Ke utule maatla a Modimo a tsamaya
    mo mmeleng wame.
  • 29:09 - 29:14
    Ka utlwa e kete molelo o ama mpha
    yame, ke fodile
  • 29:14 - 29:16
    Ke a leboga, Modimo
  • 29:16 - 29:19
    Pele ga tirelo ya thapelp ya tirisano,
  • 29:19 - 29:24
    ke ne ke na le botlhoko jwa sebete,
    thogo e e opang le bothata jwa tsebe
  • 29:24 - 29:27
    Mme morago ga thapelo, senge le sengwe
    se ne se boseditswe!
  • 29:27 - 29:31
    Ga ke sa thola ke na le tlhogo e e opang,
    botlhoko jwa sebete
  • 29:31 - 29:34
    ka kgalalelo y a Modimo
    gape ke utlwa sentle
  • 29:34 - 29:37
    Leina lame ke Marina go tswa Argentina.
  • 29:37 - 29:40
    ka nako ya thapelo, ke ne ka utlwa
    boleteng jwa Modimo
  • 29:40 - 29:43
    le molelo mo mmeleng wame otlhe.
  • 29:43 - 29:45
    Ka amogela pholo ya lengole le le botlhoko
  • 29:45 - 29:48
    Le nneng ke le itemogela fa ke eme
  • 29:48 - 29:53
    Ke utule e kete marapo a me a suta.
  • 29:53 - 29:57
    Se sene se baka botlhoko, mme
    morago ga thapelo
  • 29:57 - 30:04
    Ke kgona go tsamaisa lengole lame
    go sena bothata
  • 30:04 - 30:06
    Ke a leboga Jeso
Title:
Pholo le kgololesego ka bonako! | THAPELO ka marenyane! | Mafatshe a le 50+�
Description:

Iponele maatla a magolo a Modimo a fologela mo go ba ba neng ba ikgolagantse le Mokaulengwe Chris mo thapelong ya tirisano go tswa mo mafatsheng a fetang masome bathano lefatshe ka bophara mo God's Heart TV setudio mo North Wales, UK!

Ka leina la ga Jeso Keresete , go na le ponatshegelo e e fetang ya tholego ya pholo le kgololesego ka bonako - jaaka diketane tsa ga diabole di kgaoga le dipogisego tsa gagwe di kgoromeletswa ntle! Ipaakanyetse go amogela motholo wa gago jaaka o tsenelela tirelo ka leina la ga Jeso.

Tshedimosetso ka botalo ka go amogela thapelo ya tirisano le Mokaulengwe Chris mahala - tswe-tswe etela website ya rona fa - https://godsheart.tv/interactive-prayer/

Matheo 10:8 - "Lo amogetse fela; neelang fela"

DIKGAOLO:
00:00 -Ponelopele ya tirelo ya thapelo ya tirisano
00:14 - Kamogelo mo thapelong ya tirisano le go amogela bao ba ba tseneletseng go tswa mo tikologong ya lefatshe ka bophara.
02:00 - lefoko le le khutshwane la kgothatso go tswa mo lefokong la Modimo pele ga thapelo
06:56 - Modiredi jwa thapelo ya tirisano ka maatla a Mowa o Boitshepho
2:10 - Thapelo ya babogedi go dikologa lefatshe ka bophara
15:30 - Bopaki: Victor from UK ��
17:15 - Bopaki: Viviana go tswa k wa Honduras ��
17:57 - Bopaki: Samantha go tswa kwa Trinidad & Tobago �� 
18:35 - Bopaki: Mirriam go tswa kwa South Africa �� 
20:06 - Bopaki: Maricel go tswa kwaPeru ��
20:36 - Bopaki: Antonina go tswa kwa Ukraine ��
21:53 - Bopaki: Jeanyl go tswa kwa South Africa ��
22:35 - Bopaki: Jane go tswa kwa France ��
23:24 - Bopaki: Grace go tswa kwa Qatar �� 
24:08 - Bopaki: Gert go tswa kwa South Africa ��

➡️ Amogela kgothatso tsatsi le letsatsi mo WhatsApp - https://godsheart.tv/whatsapp/
➡️ Go thusa God's Heart TV ka madi - https://godsheart.tv/financial/
➡️ Tshedimositso ka thapelo ya tirisano - https://godsheart.tv/interactive-prayer/
➡️ Moranodi wa moithaupi wa God's Heart TV Translator - https://godsheart.tv/translate/

more » « less
Video Language:
English
Team:
God's Heart TV
Duration:
30:18

Tswana subtitles

Revisions Compare revisions