Fa ba go raya bare o duele pele ba go rapelela, tswe-tswe sia. Tirelo ya semowa ga e rekisiwe. Fa go na maemo a gokeletsweng - ' Pele ga ke go rapelela, o tshwanetse o neele se" - tswe-tswe sia . O bo o ikgaola. Seo ke thagiso e tona mo semoweng. Se se rapelelwang ga se kake sa duelelwa. Ga gona selekano sepe sa madi se se ka go neelang kagiso ya pelo. Gona le dilo tse Modimo fela a ka go di neelang Fa re re o tshwanetse o neele madi pele o amogela thapelo, o ka amogela thapelo e e se nnang kagiso. Le nna yo ke go rapelelang, ga ke na go nna le kagiso. Nka go rapelela fa o ntuela, mme ga ke na go nna le kagiso epe. Ga ena go patiwa ke boitumelo. Ga ena go patiwa ke kgotsofalo. Ke thuto, batho ba Modimo. Tswe-tswe, o seka ka lebaka la boithobogo, o seka ka lebaka la go thotheletswa ke lefatshe le wa tswa mo ditekanyetso tsa Modimo mo go batleng tharabololo, le fa motho yo itsayang ele wa Modimo. Ela thoko. A go nne le tsela ya go itekela Baebele ke tekanyetso ya rona.