Jaaka baporofiti le baruti ba kereke ya ntlha re ne re itima dijo gape re rapela, mowa o o boitshepho wa bitsa Paul le Barnabas gore ba tsameye loeto la bone la ntlha. Kereke ene ya rapela yotlhe pele ga e ba letlelela go tsamaya. Ba ne ba bewa matsogo, gape re ne re rapela ka tlhwaafalo. Ka re ne rele kereke e e tshwaraganeng, re ne ra rapelela pabalesego ya bone le gore modimo o bafe mafoko a a siameng go bua le batho ba bantsi. Re ne re rapelela gore barongwa ba rona ba atlege mo go godiseng lefoko la modimo. Paul le Barnabas bane ba etele mafelo ale mokawana. Kwa lefelong la Cyprus, ba ne ba bua ka lefoko la modimo ko mafelong a bajuta ba neng ba rapelela teng. kwa lefelong la Poseidon Antioch, batho ka bontsi ba ne ba putlhagana go utlwa ka lefoko la modimo. Fa batho ba ba kgatlhanong le modimo ba utlwa melaetsa eo, ba ne ba simolola go dumela. Lefoko la modimo le ne la gola mo lefatsheng leo, gape badumedi ba ne ba tsenwa ke boitumelo le mowa o o boitshepho. Paul le Barnabas ba ne ba tlhopha bagolo mo kerekeng nngwe le nngwe mme ba rapela ba itima dijo, ba ba rurufatsa mo modimong. Ba ne ba bitsa batho botlhe mo kerekeng go ba bolelela sengwe le sengwe se modimo a se diriling ka bone le ka fa o butseng dikgoro tsa tumelo mo bathong ba ba neng ba sena tumele mo modimong.