E ne ele nako ya phaso, mme re ne rele mo ntlong e e agilweng fa godimo ga e nngwe ko Jerusalema. Re ne re rapela rotlhe ka botswa pelo. Re ne re rapelela dibe tsa rona gape re ne re ipolela dibe tsa rona Gape re ne re batla go itse gore morena modimo is batla eng, matla a gagwe, le mowa o o boitshepho. Go ne go na le mowa wa tshwaragano fa gare ga rona fa re ne re rapela mmogo re tlhwaafetse Erile ke sa solofela, ka utlwa modumo wa phefo ee bofefo e feta e tlala mo ntlong e re neng re le mo go yone. molelo ke fa o tlhagoga mo phefong o bo o ya fa godimo ga batho. Batho botlhe ba ba neng ba le mo ntlong ba ne ba tsenye ke mowa o o boitshepho. Jaanong, gakologela gore kana se sediragala ka nako ya go phasa batho ba ne ba tswa ko mafatsheng a a farologaneng go tla go rapela, jaanong mongwe le mongwe ke fa a utlwa ka teme ya kwa ga bone mowa o o boitshepho. Ka ntata ya se, palo ya batho ene ya oketsega ka dikete tse tharo mo bathong ba ba nang le tumelo mo modimong mo letsatsing. Batho ba ineetse mo dithutong tsa bodumedi le mowa wa tshwaragano— go nna mmogo le go rapela. Letsatsi le letsatsi batho ba kopana mo dikerekeng. Ko malapeng a bone ba kgaogana borotho ba bo ba ja mmogo, ka jalo palo ya batho ba ba pholositsweng ene e gola letsatsi le letsatsi.