Ka re gololwa mo bolwetseng. gololwa mo bokgobeng. gololwa mo kgatelelong. Gololwa, gololwa ka leina le le maatla la ga Jeso Le amogetswe lotlhe mo tirelong e ngwe ya thapelo ya tirisano, fa mo God's Heart TV setudio mo North Wales mo United Kingdom mme ka mohau o gakgamatsang wa Modimo tsatsijeno e ke tirelo ya ditshaba tshotlhe. Re na le batho ba ba tseneletse go tswa mo letatsheng ka bophara ba ba emetseng dikontinente tsotlhe go tswa mo mafatsheng a le masome bathano le bosupa, le bo kgakala jaaka Ukraine, lefatshe le le mo dikakanyong le dithapelo tsa rona motsotso oo. Ke batla go leboga dipelo tsotlhe tse di dumelang mo go Jeso, tse di dumelang gore le ntswa go na le sekgele se se tona go tswa fa ke teng le ko o teng, o dumela gore Jeso Keresete o ta go ama ka tsela e e kgethegileng ka gore ka boammaruri go neela Modimo tlotlo go dumela mo go Ene. le ntswa tlhaloganyo ngwe le ngwe e Mo ganetsa mme Modimo o tlotla ba ba Mo tlotlang Ee, re tsile mo Modimong gompieno re dumela gore ke thato ya Gagwe gore golola, go re buseletsa, gore tsosolosa, gore golola mo dipogisong tsotlhe. A thato ya Gagwe e diragale gonne thato ya Gagwe ke taelo ya rona Jaanong re tsile go rapela rotlhe ka leina la ga Jeso Keresete. pele ga thapelo go bothokwa ke fepa mewa ya rona ka lefoko la Modimo Jaaka baebele e bua mo bukeng ya 1 Petero 1:23 ka gore Lefoko la Modimo le tshwana le peo, peo e e sa boleng e e tang mo dipelong tsa rona mme e godise tumelo ya rona. jaanong , tshwaela se, ka re e ta mo pelong ya gago pelo ya gago ke ntlha ya Modimo ya kgolagano ke ka jalo tumelo e se ka go etsa tiragalo ya yo mongwe kana go kopolola yo mongwe tumelo e tshwanetswe go e nanoge mo pelong ya gago, e tshwanetse e tswe mo pelong ya gago e ikaegile ka Lefoko la Modimo. jaanong potso ya gago gompieno ke e, seemo sa pelo ya gago ke eng? ipotse potso gone jaana. Seemo sa pelo ya gago ke eng? Ka gore ke lemogile gore gompieno batho ba le bantsi ba batla Modimo, batla sefatlhogo sa Modimo go ikhutsa mo mathateng a bone, mo dikgarathong le ditro tsa bone, mme dipelo tsa bone ga di na boikhutso, dipelo tsa bone di tshwenyegile dipelo tsa bone di fuduegile Jeso o re re ile a re mo bukeng ya Johane 14:1,27 A pelo tsa lona di se fuduege. Mme ga go reele gore ga gona go nna le mathata. Ga a ise a re ga o na go lebagana le mathata mme a pelo ya gago e se fuduege, go raya gore jaaka mokeresete ee go na le mabaka a go tshwenyega mme go na le mabaka a magolo a gore o seka wa tshwenyega le fa go sena boikhutso gongwe le gongwe, lebelela seemo sa lefatshe ka bophara gompieno, ga gona boikhutso. Mme jaaka mokeresete, a pelo ya gago e nne le boikhutso ka kitso ya gore, Modimo o na le wena, jaaka Jeseya 41:10 e bua, e e mo lefatsheng ka bophara go ya go nna le mathata ee mme jaaka mokeresete a pelo ya gago e nne ka kagiso ka kitso ya gore Modimo o na le wena (Baroma 8:31) mme le fa difefo tsa botshelo di go dikologile di tsubuta ka kgalefo a dipelo tsa lona di iketle ka kitso ya tsholofetso eo ya Modimo ya gore ga A ketla a le togela le fa ele go le tlogela Jaaka temana e bua mo bukeng ya Bahebere 13:5. jaanong batho ba Modimo go thomamisa pelo ya gago thoma mogopolo mo go Jeso, e seng seemo sa gago, eseng mathata a gago, e seng matsubutsubu a gago, Tlhoma mogopolo mo go Jesu Gakologelwa tsholofetso tsa gago go rona mo Bukeng ya Matheo 11:28, Jeso o rile, tlang go Nna Lona lotlhe ba le lapileng , nna ke tla lopolosa Fa Modimo a re solofeditse boikhutso ga gona lebaka la go re dipelo tsa rona di tlhoke boikhutso. Re tlhokana fela le gore tota re lemoge boammaruri jo re utlwane le lefoko la Modimo. jaanong gone jaana ke batla go bolelela se, ke batla o re: ke dumalana le lefoko la Modimo Ga ke dumalane le seemo sepe, seemo sepe se se kgathanong le lefoko. raya se ka pelo ya gago yotlhe a boipolelo jwa dipounama tsa gago bo dumalane le pelo ya gago, jaanong ka tumalano eo ya pelo, jaanong ke nako ya thapelo. pelo ya gago e tshwanetse e tsamaisana le Modimo Pelo ya gago e tshwanetse e le mo tumalanong le Modimo Pelo ya gago e tshwanetswe e golotswe, e golotswe mo molatomg , golotswe mo galakeng, golotswe mo botlhokong jo bo fetileng. Tse ke dikganedi tse di emang fa gare ga gago le Modimo. Gone jaana, togela dilo tsa gago tse di fetileng, tlogela dilo tse di fetileng o bo o ipaakanyetsa go amogela go tswa mo go Jeso gone jaana Phoso epe e emeng gare ga gago le ditsholofetso tsa Modimo itshwarelwe ka leina la ga Jeso Keresete. [tolokololo ya Spanish] Lebota leo fa gare ga pelo ya gago le Mowa wa Modimo tlosiwa gone jaana, tlosiwa gone jaana, tlosiwa gone jaana [tolokololo ya Spanish] gone jaana ka maatla mo leineng la Jeso Keresete gololwa ka leina la ga Jeso [tolokololo ya Spanish] ka re gololwa mo molwetseng joo, gololwa bo bokgobeng joo gololwa mo kgatelelong joo Gololwa, gololwa, gololwa ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete. [tolokololo ya Spanish] Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e direlang mo botshelong jwa gago tswa ka leina la ga Jeso Keresete, tswa gone jaana, tswa mo dikarolong tsa gagwe, tswa mo dirweng tsa gagwe, tswa mo dikarolong tsa gagwe. tswa gone jaana . [tolokololo ya Spanish] Simolola go di kgwa, kwga bolwetse joo, kwa bothole joo, kgwa bokgoba joo, bo kgwe mo dikarolong tsa gago gone jaana wena bolwetse, wena bolwetse, Ka re tsamaya ka leina la ga Jeso tsamaya ka leina la ga Jeso, tsamaya gone jaana ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete. tsamaya gone jaana [tolokololo ya Spanish] gone jaana, jaaka tiro ya tumelo, baya seatla sa gago gope fa o nang le botlhoko joo o na le botlhoko jwa nama, baya seatla teng gone jaana, bula pelo ya gago ke go raya ke wena bolwetse, wena bolwetse, wena bokoa, tsamaya ka leina la ga Jeso, tsamaya gone jaana Tswa mo dikarolong tsa bone, tswa mo dirweng tsa bone, tswa mo dikarolong tsa bone tswa gone jaana, tswa gone jaana tswa gone jaana [tolokololo ya Spanish] Batho ba Modimo, nna mo mokgweng wa thapelo, O ka bona se Jeso Keresete mo gare ga rona gone jaana, le mo sekgeleng se se tona, maatla a Modimo a fologa Bulela pelo ya gago tumelo ya gagwe, lefoko la gagwe, Mowa wa gagwe O bona mewa e e bosula e e ponafatsa gone jaana, se se bakang botlhoko, le bolwetse tswa. E ke nako ya gago, E ke nako ya gago gone jaana Ke raya mowa wa gago ke re, golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete. golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete ka leina la ga Jeso [tolokololo ya Spanish] Mo kope mohau wa go obamela Lefoko la gagwe go dira Lefoko la gagwe seelo sa botshelo jwa gago go sala morago tsela e e phepa. Bula dipounama tsa gago o mo kope gone jaana. [tolokololo ya Spanish] Ka leina la Jeso keresete re a rapela. Ka maatla a leina la ga Jeso ke bolela gore le golotswe ka leina la ga Jeso. Jaanong simolola go ithathoba, O fodile, o boseleditse, o golotswe. O golotswe, ithathobe gone jaana. O golotswe, O golotswe, O golotswe. [tolokololo ya Spanish] Jaanong gone jaana, babogedi lefatshe ka bophara le bone maatla a gakgamatsang a Modimo a direla. Maatla a Modimo a dira dikakgamatso mo matshelong a batho ba gagwe. Le bone boikanyego, bonnete, go ikanyega ga Modimo. Jaanong ke nako ya gago Fa nne Mosadi wa seemo sa madi a ntsha letsogo go tshwara Jeso, e ne ele tumelo ya gagwe e e mo fodisitseng. Ke rapelo tumelo ya gago e ta go fodisa tsatsijeno. Ke a rapela tumelo ya gago e ta go golola tsatsijeno Ke a rapela tumelo ya gago e ta go boloka ka leina le le maatla la Jeso keresete Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e direlang mo botshelong jwa gago go tswa ka leina la ga Jeso Keresete go tswa ka leina la ga Jeso Keresete Mewa yotlhe e e direlang mo tlhogong ya gago tswa gone jaana . Mewa yotlhe e e direlang mo lelemeng la gago tswa gone jaana . Mewa yotlhe e e direlang mo matlhong a gago tswa gone jaana . Mewa yotlhe e e direlang mo ditsebeng tsa gago tswa gone jaana . kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle ka leina la ga Jeso. Mo lephateng le fe la botshelo jwa gago, mewa e bosula e direlang, e ka nna bo kgwebong, ko tirong ya gago, e ka nna mo mading a gago, mo lenyalong la gago, mo lapeng la gago kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle ka leina la ga Jeso. A go nne le kgololesego, A go nne le kgololesego, gone jaana Moren Jeso Keresete, Lefoko la gago le bolela kgololesego. Lefoko la gago le bolela kgololesego. Gone jaana, Ke bolela kgololesego gone jaana. Kgololesego mo moweng wa gago, Kgololesego mo moweng wa gago, Kgololesego mo mmeleng wa gago, ka leina la ga Jeso. Ke bolela Kgololesego gone jaana , Kgololesego mo moweng wa gago, Kgololesego mo moweng wa gago, Kgololesego mo mmeleng wa gago, La leina le le maatla la ga Jeso Keresete. Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago Ke aleboga Jeso ka kamo ya gago ya semodimo Batho ba Modimo, simololang go ipela ka botlalo mo kgololong ya gagwe le bo le tsamaya mo leseding l a kgololesego ya gago Itumeleng, gonne se Jeso Keresete a se buang ke sa gago ka nnete ke ya gago. MAPAKI Hello, leina la me ke Victor Makene Ke moithuti wa mmadikolo wa ngwaga tse masome mabedi (20). Ke nna mo United Kingdom. Ka kgwedi ya Phalane ka 2021, Ke ne ke ikatisa jaaka motshameki wa bolotlola wa sekolo same mme ga diragala gore ke gagole mosifa wa ko pele wa lengole (anterior cruciate ligament) o thubegile gotlhelele. Bosigo joo ke ne ka neelwa dithobane tse, Nne ke dirisa dithobane tse dibeke di le mmalwa ntleng le tsone nne ke sa kgone go tsamaya. dingaka di ne tsa mpolelela gore tsela fela e nka kgonang go tsenelela go itshidila mmele le go taboga gape ke fa ke direle loaro (ACL reconstruction surgery) e le loaro le le masisi, le le tsayang lebaka le le leele go fola Mme ke a dumela jaaka mokeresete yo o tsetsweng sesa, gore se se ntshiametseng ke go bata Modimo pele. Mme ka tsaya tshwetso ya go go leletsa God's Heart TV ka ba bolelela seemo same Pele ga thapelo e ya tirisano ya tsatsijeno Ke ne ke utwa go sa thomama mo go tseneletseng mo lengoleng lame. Ke ne ke sa tsamaele gope ke sena setshegetsa lengole. Ka nako ya tirelo ya thapelo, ke ne ke tswetse matlho ame, Ke ne ke rapela le Mokaulengwe Chris. Ke ne letelela Modimo go tsaya bo nna a mpha bo ene Ke ne ke rapela, Ke ne ke beile seatla same mo lengoleng lame. Ke bone Mokaulengwe Chris a tshwara setshwantsho sa motshikinyego Ga ke autwa sepe se diragala, mme morago ga tirelo ya thapelo, fa are o gololesegile, Ke ntshitse setshegetsa lengole lame, ka utwa lengole lame Ka tsaya tshwetso ya go ya ko phasejeng mme ka simolola go tabogataboga, ka simolola go tlolatlola. Ga ke utwe botlhoko, kana go sa thomama tse ke neng ke di utwa pele Mme go tswa foo ka itse gore ke gololesegile. Ke ne ke gona go tlola. Ke ne ke kgona go taboga Ke a leboga Jesu. Ditshegofatso ka leina la ga Jeso Leina lame ke Viviena go tswa kwa Honduras. Ke batla go le bolelela gore pele ga Moporofeti Chris a simolola go rapela Ke ne ka simolola go utwa kgololo, kagiso ya gapa pelo yame yotlhe Ka simolola go utwa bo lenteng jwa Modimo. Ka nako ya go direla ka kgwa sengwe se se botlhoko ka molomo, Mme ke golesegile ka leina la ga Jeso, Ke utwa kagiso e e feletseng mo pelong yame Ke baka Keso. Ke a leboga Jeso Ke a go rata Jeso Hello, leina la me ke Samantha, ke tswa ko Trinidad le Tobago Pele, ke batla go leboga Modimo ka mohau wa go kopana le Mokaulengwe Chris mo tirelong ya thapelo ya tirisano. Ka nako ya thapelo ya tirisano, ko bofelelong Mokaulengwe Chris o ne a are sepe se se kgathanong le Modimo tsamaya. Mowa o o neng o le mo go nna wa simolola go iponafatsa mme wa re Nnyaya, ga o tsamaye. Mme ka simolola go roroma mo go sa laolesegeng Mme fa tswelela a rapela mme wa felela o tsamaile Ka simolola go ikutlwa ke le motlhofo mme ka kgwa selo se se botlhole Ke batka go lebogela Modimo seo. Hi, leina lame ke Mirriam Mkwena, Ke tswa ko South Africa. Ke ne kena le bothata jwa lengole, mangole otlhe Bosigo ke ne ke sa robale sentle ka lebaka la botlhoko. Botlhoko jo bone bo tsamaya go tswa mo nokeng bo ya ko tlase go ne go boitshega. Fa ntse a rapela ka utwa motlakase o taboga mmele wame otlhe. O ne o le gongwe le gongwe, le mo mangoleng; tota; e ne tshoko ya motlakase Morago ka utwa bogatso, jaaka e kete ke ta wa. Ka bonako ka utwa mo mafatlheng a me go re ke gothole. Mme ka simolola go gothola. Ka gothola mathe, lefulo e kete mathe. Mme morago ga moo ka oba mangole a me, mme ka utwa gore ke fodile. Ka ntsha setshegetsa mangole same, Jaaka o bona ke se tshwere mo diatleng tsame, mme ka simolola go tlola, ke baka Modimo le go leboga Modimo ka pholo. Mme gompieno ga go sa thole. Ke latha mo gotlhe, ga kake ka se dirisa. Jaaka le bona ke kgona go tsamaya Jaanong ke kgona go tlola. Ke kgona go ikatisa, le go inama. Ke fodile. Ke a leboga Jeso. Leina la me ke Maricela ke tswa ko Peru. Ka tirelo ya thapelo ya tirisano Ke amogetse kgololo le pholo yame. Ke amogetse pholo ya setshwafu le seso sa mo mpeng Mo ke dilo tse di bothole tse ke di kgweleng Ke utule molelo le tlotso ya Modimo. Ke fodile gape ke golotswe, kgalaletso ko Modimong , Amene! Hello, leina la me ke Antonina, ke tswa ko Ukraine Ke Leboga Modimo Ka monyetla o , go bo Mokaulengwe Chris a nthapeletse. Mo thapelo e ke ne ka gololwa gape dilo tse di bothole di ne di tswa mo go nna. Marago ga se ka ikutwa ke phuthologile, gape ke itumetse, ke itumetse Ke leboga Modimo thata. Hello, leina la me ke Lylyana, ke tswa ko Ukraine. Re a leboga ka dithapelo tsa gago go tswa ko bathong ba Ukraine. Re leboga thata ka dithapelo tsa gago. Ka nako ya thapelo e ke ne ke kgwa Sengwe se se sweu se ne se tswa mo go nna. Fa Moporofeti Chris a re rapelela, ka utwa lethabo le boitumelo Ke a leboga thata, ke lebogela tshotlhe thata Re itumetse Moso o montle, Immanuel Hello, leina la me ke Jeanyl, Ke tswa ko Afrika Borwa Ke bata go leboga Modimo ka se ase ntiretseng mo botshelong jwa me Morago ga go tsenelela tirelo ya thapelo ya tirisano ka Matlhatso, jaaka Mokaulengwe Chris a re rapelela le go bolela, Ka kgwa dilo tsotlhe tse di bothole tse nne dile mo mmele wame . Nne ke na le thogo e e opang thata, E ne e le botlhoko thata, Le marapo a me a ne a opa Morago ga go kgwa sengwe le sengwe, ntshepha, ga ke utwe sepe. Botlhoko jotlhe bo tsamaile gape botshelo jwa me bo boseleditswe Fa Modimo a ka ntirela , o ka direla mongwe le mongwe Fela se re tshwanetseng ke go se dira ke go nna le tumelo le go dumela Moso o Montle. Hello, leina lame ke Jane nna ke nna ko Fora. Bopaki jwa me bo ntse jaana, Ke ne ke na le mathata le marinini le meno a me. Nne ke sa je dijo sentle. Le go ja kuku e e sukiri nne go nna botlhoko thata meno le marinini a me nne di le botlhoko. Jaanong ke siame. Fa Mokaulengwe Chris a ta go re rapelela, Ka utwa ke le mothofo, molelo mo tlhogong, matlho le sefatlhogo same mme ka simolola go kgwa. Le ka bona se ke se kgweleng Ke a leboga Jeso ka kgololo yame. Ke Grace go tswa Philippines. mme jaana ke ko Qatar. go ikaegile ka maitemogelo a me le God' s Heat TV, Ke ne ka utwa molelo o montsi mo mmeleng wame, ke ne ke kgwa Ga ke kgone go tlhalosa se se diragetseng mo mmeleng wame mme ka simolola go kgwa Ga ke itse se ileng sa ntiragalela. Ke a leboga Jeso. Ke itse gore o nkgolotse ka leina la Jeso Keresete Halleyah, Ke a leboga Jeso. Leina lame ke Gert, ke tswa Aferika Borwa. ka nako ya tirelo ya thapelo ke kgwele, I vomites dilo tsotlhe tse di bothole tse dineng dile mo mmeleng wame. Ke gona gore ga go sa thole go na le dithabi tsa mafatha. Lengole lame le 100%. Ga go na dithabi. Ke ikutwa 100%, ke utswa ke gololesegile, Ke golotswe, ke moswa. Kgalatso Go Modimo. Hello, leina la me ke Haydee, go tswa Costa Rica Ke a leboga Jeso ka letstsi le le gakgamatsang le! Ka Mokaulengwe Chris , ke amogetse pholo yame ya sethabi se segolo sa seatla sa moja Gompieno Modimo o mphodisitse a bo a mphithelella ka mautlwelobothoko a gagwe Leina lame ke Amos go tswa Zambia Ke bata go paka ka bomolemo jwa Morena mo botshelong jwame, ka se Modimo a se dirileng mo botshelong jwame. Fa monna wa Modimo a re rapelela, ka utwa bolengteng ka maatla mo go nna. Fa a re rapelela, ka bonako ka iphithela ke kgwa dilo. Morago ga go kgwa dilo jaanong ke utwa ke le mothofo Ke utwa ke siame mo pelong yame Ke na le kagiso mo tlhaloganyo yame. Hi, leina la me ke Dina Ke tseneletse tirelo ya thapelo ya tirisanya ya go tswa Canada Ke batla go leboga Mokaulengwe Chris yo o l eteletseng Modimo go mo dirisa go fithelela batho ba le mantsi gleftsho dikologa lefatshe ka bophq go dikologa Ke a leboga Jeso. Leina lame ke Amos go tswa Zambia Leina lame ke Amos go tswa Zambia