Ka re gololwa mo bolwetseng.
gololwa mo bokgobeng.
gololwa mo kgatelelong.
Gololwa, gololwa ka leina le le
maatla la ga Jeso
Le amogetswe lotlhe mo tirelong e ngwe ya
thapelo ya tirisano,
fa mo God's Heart TV setudio mo North
Wales mo United Kingdom
mme ka mohau o gakgamatsang wa Modimo
tsatsijeno e ke tirelo ya ditshaba tshotlhe.
Re na le batho ba ba tseneletse go tswa
mo letatsheng ka bophara
ba ba emetseng dikontinente tsotlhe go
tswa mo mafatsheng a le masome bathano le bosupa,
le bo kgakala jaaka Ukraine,
lefatshe le le mo dikakanyong le
dithapelo tsa rona motsotso oo.
Ke batla go leboga dipelo tsotlhe tse
di dumelang mo go Jeso,
tse di dumelang gore le ntswa go na le
sekgele se se tona
go tswa fa ke teng le ko o teng,
o dumela gore Jeso Keresete o ta go ama
ka tsela e e kgethegileng
ka gore ka boammaruri go neela Modimo
tlotlo go dumela mo go Ene.
le ntswa tlhaloganyo ngwe le ngwe e Mo
ganetsa
mme Modimo o tlotla ba ba Mo tlotlang
Ee, re tsile mo Modimong gompieno re
dumela
gore ke thato ya Gagwe gore golola,
go re buseletsa, gore tsosolosa,
gore golola mo dipogisong tsotlhe.
A thato ya Gagwe e diragale gonne thato
ya Gagwe ke taelo ya rona
Jaanong re tsile go rapela rotlhe
ka leina la ga Jeso Keresete.
pele ga thapelo go bothokwa ke fepa
mewa ya rona ka lefoko la Modimo
Jaaka baebele e bua mo bukeng
ya 1 Petero 1:23
ka gore Lefoko la Modimo le
tshwana le peo,
peo e e sa boleng e e tang mo
dipelong tsa rona
mme e godise tumelo ya rona.
jaanong , tshwaela se, ka re e ta mo
pelong ya gago
pelo ya gago ke ntlha ya Modimo
ya kgolagano
ke ka jalo tumelo e se ka go etsa
tiragalo ya yo mongwe
kana go kopolola yo mongwe
tumelo e tshwanetswe go e nanoge mo pelong ya
gago, e tshwanetse e tswe mo pelong ya gago
e ikaegile ka Lefoko la Modimo.
jaanong potso ya gago gompieno ke e,
seemo sa pelo ya gago ke eng?
ipotse potso gone jaana.
Seemo sa pelo ya gago ke eng?
Ka gore ke lemogile gore gompieno batho
ba le bantsi ba batla Modimo,
batla sefatlhogo sa Modimo go ikhutsa
mo mathateng a bone,
mo dikgarathong le ditro tsa bone,
mme dipelo tsa bone ga di na boikhutso,
dipelo tsa bone di tshwenyegile
dipelo tsa bone di fuduegile
Jeso o re re ile a re mo bukeng ya
Johane 14:1,27
A pelo tsa lona di se fuduege.
Mme ga go reele gore ga gona go nna
le mathata.
Ga a ise a re ga o na go lebagana
le mathata
mme a pelo ya gago e se fuduege, go
raya gore jaaka mokeresete
ee go na le mabaka a go tshwenyega
mme go na le mabaka a magolo a gore
o seka wa tshwenyega
le fa go sena boikhutso gongwe le gongwe,
lebelela seemo sa lefatshe ka bophara
gompieno, ga gona boikhutso.
Mme jaaka mokeresete, a pelo ya gago e
nne le boikhutso
ka kitso ya gore, Modimo o na le wena,
jaaka Jeseya 41:10 e bua, e e mo lefatsheng
ka bophara go ya go nna le mathata ee
mme jaaka mokeresete a pelo ya gago
e nne ka kagiso
ka kitso ya gore Modimo o na le wena
(Baroma 8:31)
mme le fa difefo tsa botshelo di go
dikologile di tsubuta ka kgalefo
a dipelo tsa lona di iketle ka kitso
ya tsholofetso eo ya Modimo
ya gore ga A ketla a le togela le fa
ele go le tlogela
Jaaka temana e bua mo bukeng ya
Bahebere 13:5.
jaanong batho ba Modimo go thomamisa pelo
ya gago thoma mogopolo mo go Jeso,
e seng seemo sa gago, eseng mathata a
gago, e seng matsubutsubu a gago,
Tlhoma mogopolo mo go Jesu
Gakologelwa tsholofetso tsa gago go
rona mo Bukeng ya Matheo 11:28,
Jeso o rile, tlang go Nna
Lona lotlhe ba le lapileng ,
nna ke tla lopolosa
Fa Modimo a re solofeditse boikhutso
ga gona lebaka la go re dipelo tsa
rona di tlhoke boikhutso.
Re tlhokana fela le gore tota
re lemoge boammaruri jo
re utlwane le lefoko la Modimo.
jaanong gone jaana ke
batla go bolelela se,
ke batla o re: ke dumalana
le lefoko la Modimo
Ga ke dumalane le seemo sepe, seemo sepe
se se kgathanong le lefoko.
raya se ka pelo ya gago yotlhe
a boipolelo jwa dipounama tsa gago
bo dumalane le pelo ya gago,
jaanong ka tumalano eo ya pelo, jaanong
ke nako ya thapelo.
pelo ya gago e tshwanetse e
tsamaisana le Modimo
Pelo ya gago e tshwanetse e le
mo tumalanong le Modimo
Pelo ya gago e tshwanetswe e golotswe,
e golotswe mo molatomg ,
golotswe mo galakeng, golotswe mo
botlhokong jo bo fetileng.
Tse ke dikganedi tse di emang
fa gare ga gago le Modimo.
Gone jaana, togela dilo tsa gago tse
di fetileng, tlogela dilo tse di fetileng
o bo o ipaakanyetsa go amogela
go tswa mo go Jeso gone jaana
Phoso epe e emeng gare ga gago
le ditsholofetso tsa Modimo
itshwarelwe ka leina la ga Jeso Keresete.
[tolokololo ya Spanish]
Lebota leo fa gare ga pelo ya
gago le Mowa wa Modimo
tlosiwa gone jaana, tlosiwa gone jaana,
tlosiwa gone jaana
[tolokololo ya Spanish]
gone jaana ka maatla mo
leineng la Jeso Keresete
gololwa ka leina la ga Jeso
[tolokololo ya Spanish]
ka re gololwa mo molwetseng joo,
gololwa bo bokgobeng joo
gololwa mo kgatelelong joo
Gololwa, gololwa, gololwa
ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
[tolokololo ya Spanish]
Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e
direlang mo botshelong jwa gago
tswa ka leina la ga Jeso Keresete,
tswa gone jaana, tswa mo dikarolong tsa gagwe, tswa mo dirweng tsa gagwe, tswa mo dikarolong tsa gagwe.
tswa gone jaana .
[tolokololo ya Spanish]
Simolola go di kgwa, kwga bolwetse joo,
kwa bothole joo,
kgwa bokgoba joo, bo kgwe mo
dikarolong tsa gago gone jaana
wena bolwetse, wena bolwetse,
Ka re tsamaya ka leina la ga Jeso
tsamaya ka leina la ga Jeso, tsamaya gone jaana
ka leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
tsamaya gone jaana
[tolokololo ya Spanish]
gone jaana, jaaka tiro ya tumelo,
baya seatla sa gago gope fa
o nang le botlhoko joo
o na le botlhoko jwa nama,
baya seatla teng gone jaana,
bula pelo ya gago
ke go raya ke wena bolwetse,
wena bolwetse, wena bokoa,
tsamaya ka leina la ga Jeso,
tsamaya gone jaana
Tswa mo dikarolong tsa bone, tswa mo dirweng tsa bone,
tswa mo dikarolong tsa bone
tswa gone jaana, tswa gone jaana
tswa gone jaana
[tolokololo ya Spanish]
Batho ba Modimo, nna mo
mokgweng wa thapelo,
O ka bona se Jeso Keresete mo
gare ga rona gone jaana,
le mo sekgeleng se se tona, maatla a
Modimo a fologa
Bulela pelo ya gago tumelo ya gagwe,
lefoko la gagwe, Mowa wa gagwe
O bona mewa e e bosula e e
ponafatsa gone jaana,
se se bakang botlhoko, le bolwetse tswa.
E ke nako ya gago,
E ke nako ya gago gone jaana
Ke raya mowa wa gago ke re,
golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete.
golagana le Mowa wa ga Jeso Keresete
ka leina la ga Jeso
[tolokololo ya Spanish]
Mo kope mohau wa go obamela
Lefoko la gagwe
go dira Lefoko la gagwe seelo
sa botshelo jwa gago
go sala morago tsela e e phepa.
Bula dipounama tsa gago
o mo kope gone jaana.
[tolokololo ya Spanish]
Ka leina la Jeso keresete re a rapela.
Ka maatla a leina la ga Jeso
ke bolela gore le golotswe ka
leina la ga Jeso.
Jaanong simolola go ithathoba,
O fodile, o boseleditse, o golotswe.
O golotswe, ithathobe gone jaana.
O golotswe, O golotswe, O golotswe.
[tolokololo ya Spanish]
Jaanong gone jaana, babogedi
lefatshe ka bophara
le bone maatla a gakgamatsang a
Modimo a direla.
Maatla a Modimo a dira dikakgamatso
mo matshelong a batho ba gagwe.
Le bone boikanyego, bonnete, go
ikanyega ga Modimo.
Jaanong ke nako ya gago
Fa nne Mosadi wa seemo sa madi
a ntsha letsogo go tshwara Jeso,
e ne ele tumelo ya gagwe e e mo
fodisitseng.
Ke rapelo tumelo ya gago e ta go
fodisa tsatsijeno.
Ke a rapela tumelo ya gago e ta go
golola tsatsijeno
Ke a rapela tumelo ya gago e ta go
boloka ka leina le le maatla la Jeso keresete
Gone jaana, ke laela mewa yotlhe e e
direlang mo botshelong jwa gago
go tswa ka leina la ga Jeso Keresete
go tswa ka leina la ga Jeso Keresete
Mewa yotlhe e e direlang mo tlhogong
ya gago tswa gone jaana .
Mewa yotlhe e e direlang mo lelemeng
la gago tswa gone jaana .
Mewa yotlhe e e direlang mo
matlhong a gago tswa gone jaana .
Mewa yotlhe e e direlang mo ditsebeng
tsa gago tswa gone jaana .
kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle
ka leina la ga Jeso.
Mo lephateng le fe la botshelo jwa gago,
mewa e bosula e direlang,
e ka nna bo kgwebong, ko tirong ya gago,
e ka nna mo mading a gago, mo lenyalong
la gago, mo lapeng la gago
kgoromeletswa ntle, kgoromeletswa ntle
ka leina la ga Jeso.
A go nne le kgololesego, A go nne
le kgololesego, gone jaana
Moren Jeso Keresete, Lefoko la gago
le bolela kgololesego.
Lefoko la gago le bolela kgololesego.
Gone jaana, Ke bolela kgololesego
gone jaana.
Kgololesego mo moweng wa gago,
Kgololesego mo moweng wa gago,
Kgololesego mo mmeleng wa gago,
ka leina la ga Jeso.
Ke bolela Kgololesego gone jaana ,
Kgololesego mo moweng wa gago,
Kgololesego mo moweng wa gago,
Kgololesego mo mmeleng wa gago,
La leina le le maatla la ga Jeso Keresete.
Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago
Ke a leboga Jeso ka kgolesego ya gago
Ke aleboga Jeso ka kamo ya
gago ya semodimo
Batho ba Modimo, simololang go ipela ka
botlalo mo kgololong ya gagwe
le bo le tsamaya mo leseding l
a kgololesego ya gago
Itumeleng, gonne se Jeso Keresete
a se buang ke sa gago
ka nnete ke ya gago.
MAPAKI
Hello, leina la me ke
Victor Makene
Ke moithuti wa mmadikolo wa ngwaga
tse masome mabedi (20).
Ke nna mo United Kingdom.
Ka kgwedi ya Phalane ka 2021,
Ke ne ke ikatisa jaaka motshameki wa
bolotlola wa sekolo same
mme ga diragala gore ke gagole mosifa wa
ko pele wa lengole (anterior cruciate ligament)
o thubegile gotlhelele.
Bosigo joo ke ne ka
neelwa dithobane tse,
Nne ke dirisa dithobane
tse dibeke di le mmalwa
ntleng le tsone nne ke sa kgone
go tsamaya.
dingaka di ne tsa mpolelela gore tsela
fela e nka kgonang go tsenelela
go itshidila mmele le go taboga gape ke fa
ke direle loaro (ACL reconstruction surgery)
e le loaro le le masisi, le le tsayang
lebaka le le leele go fola
Mme ke a dumela jaaka
mokeresete yo o tsetsweng sesa,
gore se se ntshiametseng
ke go bata Modimo pele.
Mme ka tsaya tshwetso ya go go leletsa
God's Heart TV ka ba bolelela seemo same
Pele ga thapelo e ya tirisano
ya tsatsijeno
Ke ne ke utwa go sa thomama mo
go tseneletseng mo lengoleng lame.
Ke ne ke sa tsamaele gope
ke sena setshegetsa lengole.
Ka nako ya tirelo ya thapelo,
ke ne ke tswetse matlho ame,
Ke ne ke rapela le Mokaulengwe Chris.
Ke ne letelela Modimo go tsaya
bo nna a mpha bo ene
Ke ne ke rapela, Ke ne ke beile
seatla same mo lengoleng lame.
Ke bone Mokaulengwe Chris a tshwara
setshwantsho sa motshikinyego
Ga ke autwa sepe se diragala,
mme morago ga tirelo ya thapelo,
fa are o gololesegile,
Ke ntshitse setshegetsa lengole lame,
ka utwa lengole lame
Ka tsaya tshwetso ya go ya ko phasejeng
mme ka simolola go tabogataboga,
ka simolola go tlolatlola.
Ga ke utwe botlhoko, kana go sa thomama
tse ke neng ke di utwa pele
Mme go tswa foo ka itse
gore ke gololesegile.
Ke ne ke gona go tlola.
Ke ne ke kgona go taboga
Ke a leboga Jesu.
Ditshegofatso ka leina la ga Jeso
Leina lame ke Viviena go
tswa kwa Honduras.
Ke batla go le bolelela gore pele ga
Moporofeti Chris a simolola go rapela
Ke ne ka simolola go utwa kgololo,
kagiso ya gapa pelo yame yotlhe
Ka simolola go utwa bo lenteng jwa Modimo.
Ka nako ya go direla ka kgwa sengwe
se se botlhoko ka molomo,
Mme ke golesegile ka leina la ga Jeso, Ke
utwa kagiso e e feletseng mo pelong yame
Ke baka Keso.
Ke aleboga Jeso
Ke a go rata Jeso
Hello, leina la me ke Samantha,
ke tswa ko Trinidad le Tobago
Pele, ke batla go leboga Modimo ka mohau
wa go kopana le Mokaulengwe Chris
mo tirelong ya thapelo ya tirisano.
Ka nako ya thapelo ya tirisano, ko
bofelelong Mokaulengwe Chris o ne a are
sepe se se kgathanong le Modimo tsamaya.
Mowa o o neng o le mo go nna wa
simolola go iponafatsa mme wa re
Nnyaya, ga o tsamaye.
Mme ka simolola go roroma
mo go sa laolesegeng
Mme fa tswelela a rapela
mme wa felela o tsamaile
Ka simolola go ikutlwa ke le motlhofo
mme ka kgwa selo se se botlhole
Ke batka go lebogela Modimo seo.
Hi, leina lame ke Mirriam Mkwena,
Ke tswa ko South Africa.
Ke ne kena le bothata jwa lengole,
mangole otlhe
Bosigo ke ne ke sa robale sentle
ka lebaka la botlhoko.
Botlhoko jo bone bo tsamaya go
tswa mo nokeng bo ya ko tlase
go ne go boitshega.
Fa ntse a rapela ka utwa motlakase
o taboga mmele wame otlhe.
O ne o le gongwe le gongwe, le mo
mangoleng; tota; e ne tshoko ya motlakase
Morago ka utwa bogatso,
jaaka e kete ke ta wa.
Ka bonako ka utwa mo mafatlheng
a me go re ke gothole.
Mme ka simolola go gothola.
Ka gothola mathe, lefulo e kete mathe.
Mme morago ga moo ka oba mangole a me,
mme ka utwa gore ke fodile.
Ka ntsha setshegetsa mangole same,
Jaaka o bona ke se tshwere
mo diatleng tsame,
mme ka simolola go tlola, ke baka Modimo
le go leboga Modimo ka pholo.
Mme gompieno ga go sa thole.
Ke latha mo gotlhe, ga kake ka se dirisa.
Jaanong ke kgona go tlola.
Ke kgona go ikatisa, le go inama.
Ke fodile.
Ke a leboga Jeso.
Leina la me ke Maricela ke tswa ko Peru.
Ka tirelo ya thapelo ya tirisano
Ke amogetse kgololo le pholo yame.
Ke amogetse pholo ya setshwafu le
seso sa mo mpeng
Mo ke dilo tse di bothole
tse ke di kgweleng
Ke utule molelo le tlotso ya Modimo.
Ke fodile gape ke golotswe,
kgalaletso ko Modimong , Amene!
Hello, leina la me ke
Antonina, ke tswa ko Ukraine
Ke Leboga Modimo
Ka monyetla o , go bo
Mokaulengwe Chris a nthapeletse.
Mo thapelo e ke ne ka gololwa
gape dilo tse di bothole di ne
di tswa mo go nna.
Marago ga se ka ikutwa ke phuthologile,
gape ke itumetse, ke itumetse
Ke leboga Modimo thata.
Hello, leina la me ke
Lylyana, ke tswa ko Ukraine.
Re a leboga ka dithapelo tsa gago
go tswa ko bathong ba Ukraine.
Re leboga thata ka dithapelo tsa gago.
Ka nako ya thapelo e ke ne ke kgwa
Sengwe se se sweu se ne se tswa mo go nna.
Fa Moporofeti Chris a re rapelela, ka
utwa lethabo le boitumelo
Ke a leboga thata,
ke lebogela tshotlhe thata
Re itumetse
Moso o montle, Immanuel
Hello, leina la me ke
Jeanyl, Ke tswa ko Afrika Borwa
Ke bata go leboga Modimo ka se ase
ntiretseng mo botshelong jwa me
Morago ga go tsenelela tirelo ya
thapelo ya tirisano ka Matlhatso,
jaaka Mokaulengwe Chris a re
rapelela le go bolela,
Ka kgwa dilo tsotlhe tse di bothole
tse nne dile mo mmele wame .
Nne ke na le thogo e e opang thata,
E ne e le botlhoko thata,
Le marapo a me a ne a opa
Morago ga go kgwa sengwe le sengwe,
ntshepha, ga ke utwe sepe.
Botlhoko jotlhe bo tsamaile gape
botshelo jwa me bo boseleditswe
Fa Modimo a ka ntirela ,
o ka direla mongwe le mongwe
Fela se re tshwanetseng ke go se dira ke
go nna le tumelo le go dumela
Moso o Montle.
Hello, leina lame ke
Jane nna ke nna ko Fora.
Bopaki jwa me bo ntse jaana,
Ke ne ke na le mathata le
marinini le meno a me.
Nne ke sa je dijo sentle.
Le go ja kuku e e sukiri nne
go nna botlhoko thata
meno le marinini a me nne di le botlhoko.
Jaanong ke siame.
Fa Mokaulengwe Chris a ta go re rapelela,
Ka utwa ke le mothofo, molelo
mo tlhogong, matlho le sefatlhogo same
mme ka simolola go kgwa.
Le ka bona se ke se kgweleng
Ke a leboga Jeso ka kgololo yame.
Ke Grace go tswa Philippines.
mme jaana ke ko Qatar.
go ikaegile ka maitemogelo a me le
God' s Heat TV,
Ke ne ka utwa molelo o montsi mo
mmeleng wame, ke ne ke kgwa
Ga ke kgone go tlhalosa se se
diragetseng mo mmeleng wame
mme ka simolola go kgwa
Ga ke itse se ileng sa ntiragalela.
Ke a leboga Jeso.
Ke itse gore o nkgolotse ka leina
la Jeso Keresete
Ke a leboga Jeso.
Hello, leina la me ke
Victor Makene
Ke a leboga Jeso.
Hello, leina la me ke
Victor Makene
Ke a leboga Jeso.