Ka re gololwa mo bolwetseng. gololwa mo bokgobeng. gololwa mo kgatelelong ya maikutlo. Gololwa, gololwa ka leina le le maatla la ga Jeso Le amogetswe lotlhe mo tirelong e ngwe ya thapelo ya tirisano, fa mo God's Heart TV setudio mo North Wales mo United Kingdom mme ka mohau o gakgamatsang wa Modimo tsatsijeno e ke tirelo ya ditshaba tshotlhe. Re na le batho ba ba tseneletse go tswa mo letatsheng ka bophara ba ba emetseng dikontinente tsotlhe go tswa mo mafatsheng a le masome bathano le bosupa, le bo kgakala jaaka Ukraine, lefatshe le le mo dikakanyong le dithapelo tsa rona motsotso oo. Ke batla go leboga dipelo tsotlhe tse di dumelang mo go Jeso, tse di dumelang gore le ntswa go na le sekgele se se tona go tswa fa ke teng le ko o teng, o dumela gore Jeso Keresete o ta go ama ka tsela e e kgethegileng ka gore ka boammaruri go neela Modimo tlotlo go dumela mo go Ene. le ntswa tlhaloganyo ngwe le ngwe e Mo ganetsa mme Modimo o tlotla ba ba Mo tlotlang Ee, re tsile mo Modimong gompieno re dumela gore ke thato ya Gagwe gore golola, go re buseletsa, gore tsosolosa, gore golola mo dipogisong tsotlhe. A thato ya Gagwe e diragale gonne thato ya Gagwe ke taelo ya rona Jaanong re tsile go rapela rotlhe ka leina la ga Jeso Keresete. pele ga thapelo go bothokwa ke fepa mewa ya rona ka lefoko la Modimo Jaaka baebele e bua mo bukeng ya 1 Petero 1:23 ka gore Lefoko la Modimo le tshwana le peo, peo e e sa boleng e e tang mo dipelong tsa rona mme e godise tumelo ya rona. jaanong , tshwaela se, ka re e ta mo pelong ya gago pelo ya gago ke ntlha ya Modimo ya kgolagano ke ka jalo tumelo e se ka go etsa tiragalo ya yo mongwe kana go kopolola yo mongwe tumelo e tshwanetswe go e nanoge mo pelong ya gago, e tshwanetse e tswe mo pelong ya gago e ikaegile ka Lefoko la Modimo. jaanong potso ya gago gompieno ke e, seemo sa pelo ya gago ke eng? ipotse potso gone jaana. Seemo sa pelo ya gago ke eng? Ka gore ke lemogile gore gompieno batho ba le bantsi ba batla Modimo, batla sefatlhogo sa Modimo go ikhutsa mo mathateng a bone, mo dikgarathong le ditro tsa bone, mme dipelo tsa bone ga di na boikhutso, dipelo tsa bone di tshwenyegile dipelo tsa bone di fuduegile Jeso o re re ile a re mo bukeng ya Johane 14:1,27 A pelo tsa lona di se fuduege. Mme ga go reele gore ga gona go nna le mathata. Ga a ise a re ga o na go lebagana le mathata mme a pelo ya gago e se fuduege, go raya gore jaaka mokeresete ee go na le mabaka a go tshwenyega mme go na le mabaka a magolo a gore o seka wa tshwenyega le fa go sena boikhutso gongwe le gongwe, lebelela seemo sa lefatshe ka bophara gompieno, ga gona boikhutso. Mme jaaka mokeresete, a pelo ya gago e nne le boikhutso ka kitso ya gore, Modimo o na le wena, jaaka Jeseya 41:10 e bua, e e mo lefatsheng ka bophara go ya go nna le mathata ee mme jaaka mokeresete a pelo ya gago e nne ka kagiso ka kitso ya gore Modimo o na le wena (Baroma 8:31) mme le fa difefo tsa botshelo di go dikologile di tsubuta ka kgalefo a dipelo tsa lona di iketle ka kitso ya tsholofetso eo ya Modimo ya gore ga A ketla a le togela le fa ele go le tlogela Jaaka temana e bua mo bukeng ya Bahebere 13:5. jaanong batho ba Modimo go thomamisa pelo ya gago thoma mogopolo mo go Jeso,