Kgato ngwe le ngwe ya loeto la
gago Modimo o a itsi.
Fa o direla ka nnete le mo tumelong,
eng kapa eng se se tang
mo tseleng ya gago
e ka nna tshegofatso kana diteko,
matsubutsubu kana nako tse di siameng-
o kare go tshwanetse go ya
ka thato ya boModimo
O a itsi
Kutlwelobothoko ya selekanyo sepe
ya setho kana maikutlo ape
ga na go fetola tsela ya Modimo.
Fa ' Go kwadilwe gore o ta lebagana
le matsubutsubu a
kana o ta feta ka teko e-
o tshwanetse o lebagane na yo!
O ka akanya, ' go tsaya tsela
e khutshwane go e tshaba,
Ke ta e fenya ka bonako...'
Seo se dirang ke go tosolosa
letsatsi le le bosula.
O santse o ta boela morago
go lebagana
le se o le kileng go se tshaba
Fa ' go kwadile gotweo tshwanetse
o lebagane le se,
o seka wa tsenya maikutlo mo teng
ga se sa leng se rulagantswe
go tswa kwa godimo.